Breaking News

Bomme ga ba batle go salela kwa morago

15 Jan 2017

Fa go tsenwa mo mererong ya tsa kgwebo, bomme ba lefatshe la Botswana ba ititeile ka thupana go ka tshwaragana gore ba seka ba salela kwa morago.
Mosadi Sejana Milling ke kompone ya tshilo e e tlhamilweng ke bomme ba le lesome go tswa mo dikgotleng tse di farologanyeng tsa motse wa Kanye.

Mokwaledi wa kompone eo Mme Koolebogile Mholo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA a re e rile ba lemoga fa go na le tlhaelo ya ditshilo mo Kanye ba ikopanya go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya boipelego ka ngwaga wa 2013, mme jalo ba atlega.

Mme Mholo a re ba sila mabele le mmidi go dira legwantane le le jewang thata ke batho ba ba lwalang bolwetse jwa sukiri le madi a matona ka le bolelwa fa le na le dikotla tse dintsi tse di siametseng mmele wa motho.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa le ratiwa bobe ke leruo, segolo thata dipodi le dikgomo fa le tsentswe letswai.

“Kwa tshimologong kgwebo ya rona e ne e tsamaya ka thelelo ka gore re ne re kgona go rekisetsa mabentlele a tshwana le le le tumileng thata la Choppies, mme mo nakong eno re lela sa ga ragele ka theko e ile kwa tlase fela thata,”Mme Mholo a bolela.

Ka Motswana o rile ga gona ntlo e e sa neng Mme Mholo o ne a bolela fa go senyega ga metshine ya bone go baka poelo morago e tona ka gore go tsaya malatsi go e baakanya ka e  bilediwa ba Rural Industrial Innovation Centre (RIIC), ka jalo tshilo e a ema mme ba latlhegelwe ke bareki.

Fa a iteela kobo moroko,mongwe wa babereki ba kompone ya Mosadi Sejana , Mme Keaoboka Pitso a re ba oka bareki ka go ya ditshupong tsa ngwaga le ngwaga le go ipapatsa mo bathong ba ba fetang ka tsela le batho ba ba amegang ka kgwebo ya bone.

Mme Pitso o boile gape a re ba ipapatsa ka (billboards) matshwao a a supang fa ba leng teng. A re ba  na le botsalano le ba lephata la dikgolegelo.

A re fa ba ka bona bareki ba bantsi le dithuso tse di faphegileng go ka thusa go atolosa kgwebo ya bone ka e le boutsana mo nakong eno. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Mongwaketse

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 15 Jan 2017