Breaking News

Ba rotloeditswe go nyeletsa lehuma

15 Jan 2017

Banni ba motse wa Setsile ba gakolotswe go dira ka natla fa ba thusitswe ka mananeo a nyeletso lehuma jaaka la Limid le la ISPAAD go tlhomamisa gore a atlega.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso ,mo phuthegong ya kgotla ko motseng oo bosheng gore botlhaga le boineelo di ka ba tsisetsa maduo.

Mme Tshireletso a re le fa mananeo a nyeletso lehuma a temo-thuo a lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya lefatshe, letlhoko la  metsi le malwetse, seo ga se reye gore banni ba ineele.

 O ne a ba  rotloetsa go itepatepanya le dikgwetlho tseo go fitlha ba bona tharabololo, mme a ba gakolola go tshwaragana le go dira ditlhophana gore ba bone ditharabololo tsa motia.

 O supile fa go sa tshwanela gore banni ba motse oo ba ikaege ka lenaneo la ipelegeng ka jaana le direletswe go namola lehuma ga nakwana fela.

Banni ba Setsile ba ne ba ikuela mo go mopalamente ka kgwetlho ya bone ya ditsha tsa bonno le masimo  tse di sa bewang ka fa molaong.

Ba re se ke nngwe ya dilo tse di ba itsang go akola mananeo a puso ka jaana ba sena bosupi jwa gore ditsha tsa bonno le masimo ke tsa bone.
Ba re e setse e le dingwaga ba solofeditswe gore ba tlaa bewa ditsha mme le gompieno tsholofetso eo ga e a diragadiwa.

Ba re monongwaga  ga ba a fiwa dipeo  gore ba leme ka masimo a bone a sa bewa ka fa molaong mme ba lekgotla la  kabo ditsha ga ba fefose ditirelo  tsa bone go ba thusa.

E rile fa a araba matshwenyego, mokwaledi wa  lekgotla la kabo ditsha la Mahalapye Mme Lorato Dikgang o ne a bolela gore fa e sale ka ngwaga wa 2012 ba ntse ba mo thulaganyong  ya  go baya masimo.

Mme Dikgang  a re ba ne ba romela moitseanape  go tla go sekaseka masimo a bone mme le jaana ba sa ntse ba sekaseka maduo a dipatlisiso tseo.

A re kgang ya ditsha tsa bonno e setse e le ko lekgotleng la ditsheko ka jalo ba sa ntse ba emetse katlholo ya lekgotla ke gone ba bo ba ka di baya. BOPA

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2017