Breaking News

Moono mogolo wa temo ke go ntsha dijo

12 Jan 2017

Rabalemisi wa Kgalagadi Bokone, Rre Phillip Tlhage a re moono mogolo wa temo ke go ntsha dijo tse di lekaneng gore di jese setshaba le go tswakanya itsholelo.


O buile jaana ka Mosupologo kwa tekodisong ya baeteledipele ba maphata le mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Itumeleng Moipisi kwa Hukuntsi ka Mosupologo.


Rre Tlhage a re puso e tsere matsapa a go thusa Batswana ka dipeo le go ba lemela gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka tsogang di ba tshetsha le go jesa lefatshe.


A re e le lephata ba kopile puso gore e emise temo pele ga Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le botlhano.


O supile gore fa balemi ba ka lema morago ga nako e, dijalo tsa bone di ya go felela di tshwara serame ka mariga a a bo a setse a gorogile. A re mo seo, go felela go boelwa boraditerekere fela mme go busetse maiteko a puso kwa morago a go ntsha dijo tse di lekanyeng.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : HUKUNTSI

Event : interview

Date : 12 Jan 2017