Dikgang tsa petelelo di a tshwenya kwa Kanye
12 Jan 2017
Mapodisi a Kanye ga a jesiwe diwelang ke go betelelwa ga basetsana ba ba tsamayang bosigo.
Mo potsolosong le BOPA, ramapodisi wa Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale a re go tlhoka go itlhokomela ga basetsana le go tsamaya masigo go ba baya mo seraing sa go betelelwa, a tlatsa ka go re ga go wele tlase ntswa melaetsa e gasiwa gore batho ba emise go tsamaya ba le nosi bosigo.
A re bosheng ba amogetse dikgang tsa petelelo ya basetsana ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boraro le masome a mabedi le boferabobedi.
Supt Mogale a re bosheng basimane ba le bane ba beteletse mosetsana mongwe ba tswa maitisong makuku.
O kaile fa mosetsana yoo a ne a na le wa tsala ya gagwe mme ba kopana le basimane bao, a tswelela a tlhalosa fa mosetsana yo mongwe a ne a inaya naga mme ba sala le yo mongwe yo ba mo gogetseng mo sekgweng mme ba mo dirisa.
O kopile setshaba go ba batlisa babelaelwa bao, a re ope yo o ka tswang a itse bangwe ba ba amanang le tiragalo eo a ikopanye le mapodisi a a gaufi.
Mo kgannyeng e nngwe, Rre Mogale a re ba ne ba begelwa tiragalo e monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro a itseetseng dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le boraro.
A re rre yoo o fitlhetse bana ba tshameka mo tseleng kwa Gasegwagwa a bo a alola mosetsana yoo ka lobelo a felela a mo tshwere a mo tseela mo koloing e a neng a e kgweetsa go ya go mmetelela, mme ba bangwe ba ne ba inaya naga ba bona tsala e lelekilwe ke selalome.
Rre Mogale a re morago ga tiragalo eo ba ne ba kgona go tshwara mmelaelwa, a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : interview
Date : 12 Jan 2017






