Breaking News

Motshelo o mosola

12 Jan 2017

Madi ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa mo botshelong jwa segompieno ka e le one a fang motho tsela ya go itlamela le go dira dilo tse dingwe tse di tlhokegang mo botshelong.


Mme le fa go ntse jalo batho bangwe ba kaile fa go le gantsi madi a seke a lekana go dira tsotlhe tse motho a nang le maikaelelo a go di dira ka jalo bangwe ba tla ka methale ya go leka go oketsa madi a bone.


Mongwe wa batho ba go nna jalo ke Mme Keemenao Mophakedi wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi yo o neng a tlhalosa fa a le mo motshelong le bangwe ba ditsala tsa gagwe.


Mme Mophakedi a re o mo setlhopheng sa basadi ba le lesome.


A re kgwedi le kgwedi ba ntsha madi a a kanang ka lekgolo la dipula mme madi ao ba a adimisa batho ka morokotso.


 A re go le gantsi madi a bone a motshelo a okediwa ke gone go adimisa madi jalo mme go dire gore kwa bofelong ba nne le se ba se kayang.


A re fa ba adimile motho madi, kgwedi nngwe le nngwe e motho a e tlodisang a sa duele ba tsenya morokotso.


Mme Mophakedi a re kwa bofelong jwa ngwaga ba kgaogana madi a ba a dirileng mme ba boe ba simolole motshelo gape.


O kaile fa motshelo o le mosola ka o oketsa madi a bone mme ka jalo go nne le kgonagalo e ntsi ya go dira ditiro tse dingwe tse motho a eletsang go di dira.


Mme Jennifer Nkatlholang wa dingwaga tse di masome a mararo ene a re o mo setlhopheng sa motshelo sa batho ba le boferabobedi.

A re kgwedi le kgwedi ba ntsha madi a a kana ka P200 mme ba a adime ope fela yo o ka tswang a na le kgatlhego ka morokotso.


A re morago ga dikgwedi tse thataro ba reka dijo ka madi ao mme ba di kgaogane.


Mme Manana Mogotsi wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro a re o mo motshelong wa batho ba le lesome.


A re mo go one ba ntsha madi a a kanang ka P1000 kgwedi le kgwedi.


 A re madi ao fa ba a tlhakanya a tshwara dikete di le lesome mme ba a tshelele mongwe.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : JWANENG

Event : interview

Date : 12 Jan 2017