Banni ba lela ka seemo sa ditsela
12 Jan 2017
Banni ba metse ya Gulubane le Masingwaneng ba ikuetse ka seemo sa ditsela tsa metse ya bone.
Ba dirile seo mo go mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Biggie Butale.
Mo diphuthegong tsa kgotla mo metseng eo ka Labobedi, Kgosi Ezekiel Gulubane wa Gulubane, o ikuetse fa ba sa robatswe ke ditsela tsa motse wa bone segolo jang e e tswang mo tseleng ya Francistown–Nata, le e e ba lomaganyang le motse wa Masingwaneng, Sechele le Mambo.
Kgosi Gulubane o tlhalositse fa seemo sa ditsela tseo se ngomola pelo fela thata, mme a tlatsa ka gore ga ba sa tlhole ba itse gore a ke ditsela kana ke megobe, segolo jang fa dipula di nele mme a re o fitlhele ba sa itse gore ba ka tsamaela ntlha efe.
A re ditsela tsa bone ke dikhuti fela e bile di tletse ka melatswana mme a re ba nna ba tshwere mala ka diatla segolo thata ka dinako tsa dipula ka bana ba bone ba ka nna ba wela mo melapong.
Gape a re go na le molatswana o o bidiwang Mabukula o o fa tlase ga sekole, a kopa gore segolo ba direlwe borogo go thusa bana go kgabanyana go itsa masaitseweng a botshelo.
E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Tas Phunyuka a re ba sale ba ikuetse ka ditsela tseo mme ba tla nna ba lebile tsela e bile ga ba kitla ba a swa lentswe go fitlhelela seemo seo se tsibogelwa.
Mongwe wa banni ba motse oo, Rre Heavy Montsho o ne a supa fa ditsela tsa bone di epegile, a re seo se dirwa le ke go nna di gopiwa fela, ka jalo a ikuela mo go ba ditsela go tla ka se se pharologanyo go na le go gopa.
E rile a ba kgwa kgaba, Rre Butale o ne a supa fa le ene seemo sa ditsela mo kgaolong ya gagwe se sa mo robatse.
A re lenaneo le lesha le puso e itlamileng go fa dikgaolwana tsa botlhophi lefatshe ka bophara madi a a kanang ka P10 million ngwaga le ngwaga fela fa ba ka le dirisa sentle le ka ba thusa go tila dikgang di tshwana tsa ditsela.
Rre Butale a re ka one madi ao o ne a eletsa fa ba ka reka mechine e e dirang ditena tsa interlocking gore ba tle ba kgone go ipaakanyetsa ditsela ka lenaneo la ipelegeng.
Banni ba motse wa Masingwaneng le bone ba ne ba lela sa khuranyo ya meno ka ditsela tsa bone, mme modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Kebifetswe Modikwa, le ene o ne a bolela fa motse wa bone o sa tsamaege.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : GULUBANE
Event : Kgotla Meeting
Date : 12 Jan 2017






