Breaking News

Badirelapuso ba ipelela tshwaragano

12 Jan 2017

Mokhanselara wa Tsetsebjwe, Rre Lame Motsamai o galaleditse badirelapuso ba Tsetsebjwe go bo ba bereka ka mashetla ba le seopo sengwe.


 Rre Motsamai o buile jalo kwa moletlong wa ipelelo tshwaragano ya badirelapuso ba Tsetsebjwe o o neng o tshwere kwa kokelwaneng ya motse oo ka Matlhatlhatso.


 Mokhanselara o tlhalositse fa Tsetsebjwe a le sego go nna le badirelapuso ba ba berekang ka natla e bile ba na le mowa wa tirisanyommogo le tshwaragano.


A re badirelapuso ba Tsetsebjwe ba kgona go amogana didirisiwa tsa puso di tshwana le dikoloi fa ba lemoga fa maphata a mangwe a na le tlhaelo.


Tsetsebjwe o na le lephata la botsogo, mapodise, ba dikgolegelo, melelwane le ba sesole.


Mokhanselara Motsamai a re tshwaragano le tirisanyommogo ya badirelapuso e dirile gore banni ba Tsetsebjwe ba kgotsofalele ditirelo tsa puso tse  ba di neelwang ke maphata a ka go farologana.


 O boletse fa tirisanyommogo ya badirelapuso le bogogi jwa Tsetsebjwe e le sengwe sa dilo tse di dirang gore ba atlege mo tirong ya bone.


Rre Motsamai o kgothaditse badirelapuso ba go tswelela  ba bereka ka natla le tshwaragano gore ba nne sekao mo badirelengpuso ba metse e mengwe mo lefatsheng leno.


O feditse ka go ba solofetsa fa a tlaa ba ema nokeng mo ditirong tsa bone ka go farologana ga mmogo le go isa matshwenyego a bone kwa go ba ba maleba.


Kgosi Kgosidialwa Motsamai o galaleditse badirelapuso ba go bo ba bereka ba tshwaragane ka nako tsotlhe.


Kgosi Motsamai a re tshwaragano ya badirelapuso ba Tsetsebjwe e melediwa mathe ke banni ba metse e mengwe.


A re fa go nang le tshwaragano teng tiro e dirwa ka bokgabane, ka jalo a gakolola badirelapuso go tswelela ba thusana go rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo ditirong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : TSETSEBJWE

Event : ipelelo tshwaragano ya badirelapuso

Date : 12 Jan 2017