Breaking News

Kgosi o kgotlhatsa banni go dira Omang ka nako

11 Jan 2017

 Kgosi Lekgatlhanye Mabua wa Dibete mo kgaolong potlana ya Mahalapye o rotloeditse morafe wa gagwe go tsibogela go dira Omang ka nako.


Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Kgosi Mabua a re mo go ka tila dikatlholo tse di nnang teng fa Omang a dirwa morago ga nako kgotsa dingwaga di fetile.


A re Omang ke sesupo sa gore motho ke Motswana tota e bile o ka mo thusa go bona ditlamelo tsa puso gongwe le gongwe kwa a teng mo Botswana.


O tlhalosa fa ditirelo tsa botsogo e le tsone tse di tlhokang Omang thata ka gore di tshwanetse go akolwa ke Batswana fela ka e bile di tswa mahala.


E re go le jalo, o ne a rotloetsa banni go kwadisa matsalo a bana ba bone gore puso e itse gore batho ba kae mo Dibete,a tlatsa ka go re seo se ka thusa gore ditlhabololo di tle kwa motseng oo go lebilwe dipalo tsa batho.


O ne a kopa gore fa ngwana ka phosego a ka belegelwa mo gae, morago a direlwe setlakana sa matsalo.


“Mme legale ga ke rotloetse gore batho ba belegele mo malwapeng ka go sa siamela botsogo jwa ngwana lemmangwana,” a tlhalosa.


A re gape fa ngwana a na le setlankana sa matsalo o ka kgona goikopela Omang fa a gola.


Mo go tse dingwe,Kgosi a re mananeo a puso a tshwana le la Ipelegeng le madi a bagodi, a ka akolwa fela fa motho a na le Omang.


O ne a kopa ba ofisi ya Omang, dintsho le matsalo gore ba seka ba ipona Tsapa go isa ditirelo kwa Dibete. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : DIBETE

Event : interview

Date : 11 Jan 2017