Breaking News

Batswakwa ba ba senang diteseletso ba a tshwenya

11 Jan 2017

Batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong ba a tshwenya thata mo kgaolong-potlana ya Mahalapye.


Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa lephata la dipasa, mesepele le boagedi mo Mahalapye Mme Janet Gaorongwe mo phuthegong ya badirelapuso ba kgaolo ya Mahalapye e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe ka Mosupologo.


Mme Gaorongwe a re mo dikgweding tsa Phalane, Ngwanatsele le Sedimonthole ngwaga o o fetileng ba nnile le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong ba le makgolo a mabedi le lesome le botlhano mo kgaolong-potlana ya Mahalapye.


A re selo se se a tshwenya fela ruri, mme ka jalo a kopa Batswana go emisa go nna ba hira batho mo malwapeng a bone ba sena dipampiri kgotsa ba sa itse kwa ba tswang teng.


O ne a tlhalosa gore bontsi jwa batswakwa ba, ba a bereka mme bao ba ba ba thapileng ba tshwanetse go itse gore go molato go thapa motswakwa a sena diteseletso kgotsa dipampiri tsa go tsena mo lefatsheng leno.


Mme Gaorongwe o ne a kopa Rre Molefhe go ba thusa go tsibosa setshaba ka dikgang tsa go thapa batho ba sena dipampiri.


Fa a lekodisa mopalamente ka tsa lenaneo la ipelegeng, mogokaganyi wa lenaneo le mo kgaolong-potlana ya Mahalapye Rre Eric Sephetsolo a re o tshwenngwa ke go nna boitseme jwa babereki mo le bone baeteledipele ba bone ba palelwang ke go ba laola.


Rre Sephetsolo a re ba setse ba nnile le dikgang di le mmalwa tse ba di begileng kwa go ba sepodisi tebang le babereki ba ba ikwadisetsang gore ba tlaa bereka mme go tswa foo ba nne kwa malwapeng mme fa kgwedi e fela ba amogela.


A re selo se ke molato fela o motona ka e le tshenyetso setshaba, ka jalo ba bone go le botoka go nna ba bega kwa go ba sepodisi gore ba tseelwe dikgato ka fa molaong.


A re mo gongwe ba tshwenngwa ke gore le bone ba ba ba thapileng ba na le dikitso dingwe go tsweledisa ditirelo dingwe ba felela ba di tlogetse ba ile go sele mme tiro e salele kwa morago.


Ka jalo Rre Sephetsolo le ene o ne a kopa mopalamente go tlhagisa setshaba ka dikgang tse, a tlatsa  ka gore babereki ba tshwanetse go itse fa ba iperekela go tlhabolola matshelo a bone ga mmogo le tikologo ya bone.


Fa a tlhalosa ka tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima o ne a tlhalosa fa lenaneo le, le thapa babereki ba le makgolo a ferangbobedi le masome a matlhano le bobedi kgwedi le kgwedi.


O ne a tlhalosa gore ga go na ditirelo dipe tse dikgolo mo kgaolong, a tlatsa ka gore tse di teng ke tsa go tlhagola diofisi tsa puso le go kgaola ditlhare mo ditseleng.


Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa fa go na le ditirelo tsa dikago tsa diofisi tsa dikgotlana tsa Thomadithotse le Madiba 14 tse di setseng di le gaufi le go wela.


Fa a ba kwa dikgaba, Rre Molefhe o ne a kopa badirelapuso go ema ka dinao go isa ditlamelo le ditirelo kwa setshabeng.


A re maikaelelo a puso ke go nyeletsa lehuma mo Batswaneng mme ka jalo mananeo a tshwanetse go goroga ka nako kwa go bone.


O ne a ba gakolola gape gore ke bone puso fa ba le mo kgaolong, puso e ikaegile ka bone mme ba tshwanetse go bona gore dikeletso tsotlhe tsa puso di a direga.


Rre Molefhe o ne a kopa badirelapuso gape go tshwaragana go lwantsha tshenyetso setshaba, thuto ya bana kwa dikoleng, phepafatso tikologo le tse dingwe.


A re lephata lengwe le lengwe le tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore le dira se le se emetseng go bona gore ditirelo di ya kwa kgaolong gore e  tlhabologe gammogo le batho ba teng.


O ne a tlhalosa gore motse wa Mahalapye o tlwaelesegile ka borukutlhi mme a kopa baeteledipele go tshwaragana ka gobo borukutlhi bo kgoreletsa ditlhabololo ga mmogo le bagwebi.


Mopalamente o ne a ba kopa gore e re ba na le dikgwetlho di tshwana le tsa letlhoko la boroko, dikoloi mo kgaolong ya bone puso e ikaelela go ba thusa ka gotlhe gore ba bone dithuso a tlatsa ka gore mo dikgannyeng tsa boroko puso e dirile thulaganyo le koporase ya matlo ya BHC go fa badirelapuso boroko.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Kgotla Meeting

Date : 11 Jan 2017