Mabesekwa o ikaegile ka mananeo
11 Jan 2017
Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa a re mananeo a puso e ikemeseditseng go inola Batswana mo lehumeng ka one a tsweletse ka go dira pharologanyo mo matshelong a morafe wa gagwe.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, o tlhalositse fa mananeo a a akaretsa kapei ya dijo, thuo ya dihutshane, tshugo ya matlalo le thuo ya dikoko ga reng ga tse dingwe.
Kgosi Masisi o boletse fa morafe o tshwere ka natla mo dikgwebong tsa lenaneo la nyeletso lehuma, selo se a tlhalositseng fa e le sone se dirang gore dikgwebo tsa bone di tswelele sentle.
Ke gone ka moo a ba akgolelang mowa oo ka jaana e le sesupo sa gore ba ne ba nyoretswe mananeo, mme e bile ba na le maikaelelo a go fetola matshelo a bone.
Kgosi Masisi o ne a tlhalosa fa se e le sekao sa gore morafe wa gagwe o tsosolosa mowa wa boipelego o e leng one o agileng lefatshe leno e seng fela gore ba ikaege mo pusong go ba direla sengwe le sengwe le ntswa ba na le bokgoni.
O supile fa mongwe le mongwe yo o nnileng le lesego go ka akola mananeo a ka dira jaaka morafe o tsentse marapo dinameng.
Ka jalo, Kgosi Masisi o ne a ikuela mo Batswaneng go tsaya mananeo ka tlhoafalo, e bile ba tlhaloganye fa go dirisiwa diketekete tsa madi go ba tlamela ka ditsompelo tse di tlhokegang.
O boletse gore go bo puso e dirisa madimadi mo mananeong a, ke sesupo sa gore puso e kgathala ka matshelo a Batswana.
Kgosi o tlhalositse fa se se tlhokafalang e le gore Batswana ba le aramele le sa tlhabile gonne mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
O bile a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle o a re ha ba nnang le bothata teng ba se ipone tsapa go ikgolaganya le ba ba lebaneng go ba tlhatlhelela ka dikitso le bogakolodi.
Gape a re ba eteletse lorato le boineelo pele mo dikgwebong tsa bone.
O tlhalositse fa go dira jalo go ka ba thusa go menagane go tila dikgang tsa go phutlhama ga dikgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : MABESEKWA
Event : interview
Date : 11 Jan 2017






