Dikhwaere di ka hema borukhutli
10 Jan 2017
Mmino wa dikhwaere ke bontlhabongwe jwa bodiragatsi jwa mmino wa ngwao ya Setswana o o sa ntseng o ratiwa bobe ke Batswana.
E bile gape batho bangwe ba supa fa dikhwaere di ba tlosa bodutu go na le mebino kana metshameko mengwe ya setso.
E re le ntswa bontsi jwa batho ba ne ba tsaya maeto kana mesepele go ya go bogela kgwele ya dinao ka malatsi a keresemose le a go ipelela ngwaga o mosha, mo Bobonong gone kgankgolo e ne e le dikhwaere.
Mo potsolotsong le moeteledipele wa khwaere ya Farm mo Bobonong, Mme Makwati Manyeula a re kwa ntle ga go itlosa bodutu dikhwaere di dira tiro e kgolo thata ya go leka go ntsha banana mo ditirong tsa botlhoka tsebe le borukutlhi.
O tlhalositse fa borukutlhi jo bo diragalang ka malatsi a keresemose le a go ipelela ngwaga o mosha bo fokodiwa ke go bo bontsi jwa batho bo a bo ko kokoane mo lefelong le lengwe go ijesa monate ka mmino wa dikhwaere.
Mme Manyeula o tlhalositse fa go tsenelela dikhwaere go itsa banana go itontela bojalwa le go tsamaya dibara. Mme Manyeula a re khwaere ya Farm e e saleng e tlhamiwa ka dingwaga tsa bo 1980 e gola letsatsi le letsatsi.
O supile fa kgolo eo, e diriwa ke gore khwaere eo, e sa ntse e tshwere tatso le serodumo sa kopelo ya ngwao ya Setswana.
O tlhalositse fa bontsi jwa batho segolojang banana ba kgatlhegela khwaere eo thata, selo se a reng ke sone se dirang gore khwaere ya Farm e kwadise maloko a masha ngwaga le ngwaga.
A re ntswa le fa tshologelo ya batho kwa dikhwaereng ngwaga o o fetileng e ne e le kwa tlase ga ba a ka ba kgobega marapo ka ba kgonne go dira tiro ya bone ya tlwaelo ya maitiso a mmino wa dikhwaere.
O supile fa dipina tse ba di opelang mo dikhwaereng di remeletse thata mo ditiragalong tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara ga mmogo le ngwao.
Mme Manyeula a re khwaere ya Farm e ipela ka dinaletsana kana dikganthswane tsa mmino wa Setswana jaaka Shumba Ratshekga.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : interview
Date : 10 Jan 2017






