Kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa
10 Jan 2017
Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume,Rre Ofetotswe Tina o kopile batsadi ba baithuti ba ba yang go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng seo go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.
Rre Tina o ntshitse kopo eo ka letsatsi la go suga baithuti ba basha kwa sekoleng seo ka Mosupologo.
A re batsadi ba na le mokgwa wa go phuaganya bana kwa sekoleng ba bo ba tsena ka lenga la seloko ba bo ba ya go iponatsa ka letsatsi la go tsaya pego ya maduo.
O tlhalositse fa letsatsi leo la go suga baithuti e le tshimologo ya bone ya loeto le tshwaragano ya barutabana le batsadi ya dingwaga tse tharo ka jalo a re ope wa bone a seka a reketla kana a bula phatlha fa gare ka seo se ka ama maduo a ngwana.
O tsweletse a bolela fa ka mokgwa wa tsamaiso ya thuto, motsadi wa ngwana o tshwanetse go iponatsa nako le nako kwa sekoleng go lekola tiro ya ngwana.
A re mokgwa wa go iponatsa batho ba tla go lwantsha barutabana o fetilwe ke nako ka jalo a ba kopa go ititaya ka thupana go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.
Rre Tina a re baithuti ba nako eno ga ba a tlhwaafalela thuto ba itewa tsebe ka maranyane a sesha ka jalo ba batla kemo nokeng ya botsadi go nna ba kgothadiwa ka dinako tsotlhe.
Morutabana wa dithuto tsa bokaedi le bogakolodi, Mme Koonyatseng Phoga a re e le barutabana ba nna ba kopana le dikgang tse di seng monate tse di diragalelang baithuti bogolo jang bana ba basetsana ba dirisiwa botlhaswa.
Mme Phoga a re se se ngomolang pelo ka dikgang tseo di diragalela mo matlhong a batsadi mme ba felele ba di loba.
A re mokgwa oo ga o a siama ka o ama ngwana maikutlo mo a felelang a ya go gola ka kakanyo e e seng yone mme seo se ame botsogo jwa gagwe.
A re monongwaga ba ikaeletse go lwantsha dikgang tseo le go bona gore badira melato eo ba tseelwa dikgato tse di maleba, a re gotlhe le batsadi ba ba tlaa lekang go thibela kana go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tseo ba tlaa tsena mo mathateng.
O tsweletse a bolela fa gape ba kopana le dikgwetlho tsa bana ba ba tlogelwang ba nna ba le nosi kana ba tlogelelwa le mogodi yo o ka sekeng a kgone go goroga kwa sekoleng ba sala ba sotlega le thuso ba sa kgone go ka e bona kwa go ba boipelego ka motsadi a le teng, a re batsadi ba ba dirang jalo ke molato o motona o motho a ka o otlhaelwang ka jalo a kopa batsadi go tlhokomela bana go tlogela go gotlhagotlhana le molao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : TUTUME
Event : letsatsi la go suga baithuti ba basha
Date : 10 Jan 2017






