Kgosi o rotloetsa mananeo a kago
10 Jan 2017
Kgosi Shepard Pelaelo wa Natale o gakolotse banni ba motse oo go dirisa mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola bonno.
Kgosi Pelaelo o buile jalo mo potsolosong a supa fa a tshwenngwa ke go bona dingwe ditsha di fetogile matlotla ka mabaka a go tlhoka go tlhabololwa ntswa di na le lobaka di abilwe. A re mananeo a akaretsa la SHHA le la Turnkey ke metswedi e e ka ba sologelang molemo.
Kgosi Pelaelo a re le ntswa mangwe mananeo a a tsaya lobaka gore moikopedi a bone phetolo, go botlhokwa go leta ka tsholofelo go na le go tshabela kgakala.
A re mangwe mabaka a a diang phetolo ke gore go a bo go santse go dirwa ditshekatsheko tse di maleba mabapi le baikopedi ka go farologana.
Kgosi Pelaelo a re ditsha tse di sa tlhabololweng ke tsone tse di felelang di rekisiwa le gone ka tlhwatlhwa tse di kwa tlase.
O bile a re morago ga thekiso ya tsone ditsha tse, beng ba tsone ke bone gape ba felelang ba tshwenya puso ka go tlhoka bonno. Kgosi Pelaelo o bile a bolela gore dingwe ditsha tse di fetogileng matlotla di fa gare ga motse, ka jalo di dira gore bontlha bongwe jwa motse bo seka jwa kgatlhisang.
Gape o bolela fa mangwe matlotla a a fetogile boremelelo jwa borukhutlhi gape a mangwe a rotloetsa kgotlelesego ya tikologo. A re bangwe ba felela ba ithomela mo go one matlotla a.
Kgosi Pelaelo o bile a re ntswa dingwe ditsha di fetoga matlotla ka mabaka a gore beng ba tsone ba tlhokafetse, thulaganyo e e maleba e ka dirwa ke ba masika go bona gore ditsha tseo di ka tlhokomelwa jang.
Go sale foo, Kgosi Pelaelo a re mananeo a nyeletso lehuma a akaretsa la thuo ya dihutshane ke mangwe a a dirang sentle e bile pharologanyo e a bonala mo matshelong a beng ba one.
A re bontsi jwa banni ba motse ba na le kgatlhego ya ditshingwana tsa merogo mme maiteko a bone a busediwa morago ke gore mapakwana a a dirang moriti wa ditshingwana a tshabelelwa ke go jewa ke motlhwa.
A re se se dira gore go tlhokwe se se tshegetsang moriti mme morago dijalo di felele di babalelwa ke letsatsi le diji ka go farologana.
Kgosi Pelaelo o bile a supa fa a sa itumedisiwe ke didirisiwa tsa mananeo tse di tlang di sa felela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : NATALE
Event : interview
Date : 10 Jan 2017






