Monna o bolailwe ke kgabo ya molelo
10 Jan 2017
Monna mongwe wa kgotla yoora Sebego kwa Kanye wa dingwaga tse di masome mane le boferabongwe o bolailwe ke kgabo ya molelo.
Se se tlhomamisitswe ke mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale mo potsolotsong le BOPA bosheng.
O tlhalositse gore mapodisi a ne a begelwa ka tiragalo e ke mongwe wa losika, a tlhalosa fa tiragalo eo, e e le ya bosigo jwa Matlhatso. Ga twe moswi o ne a tshuba kerese go bonesa mo teng ga ntlo, mme ka go tlhoka lesego a ya dikgofeng e ntse e tuka.
Superintendent Mogale a re mo tiragalong eo setilo sa sofa se go belaetsang moswi a ne a itheeditse mo go sone se ne sa kapiwa ke molelo mme sa tuka, ke fa kgabo ya molelo e tlala ka ntlo.
Mookamela Mapodisi a re go belaetsa mosi o ne wa tlala ka ntlo, mme wa hupetsa rre yoo ka jaana a ne a ragosediwa kwa kokelong ya Sabata mono Kanye kwa e rileng a goroga teng ngaka ya netefatsa fa a setse a tlhokafetse.
Rre Mogale o gakolotse setshaba ka kakaretso gore fa motho a dirisa kerese a nne kelotlhoko go tlhomamisa gore ga a e katoge ka tsela epe, le gore fa a robala a e time, go tila diphoso tsa mohuta o tse di felelang di gapa matshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : interview
Date : 10 Jan 2017






