Mogwebi o galaletsa mananeo a puso
10 Jan 2017
Mme Mphonyana Mogomotsi wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabongwe, ga a ipone tsapa go galaletsaThuto Ga E Golelwe a e tlhakantse le Nyeletso Lehuma.
Mme Mogomotsi, yo o tlholegang kwa Manyana kwa kgotleng ya Kgosing, o boleletse BOPA gore e rile go lemoga fa go tlhoka go itewa seatla go tlaa mo jesa leswe, a inaakanya le go tsena sekole.
Mme Mogomotsi a re o simolotse go tsena Thuto Ga E Golelwe ka 2012 mme ya mo neela botsipa le bonokopila jwa go ithuta kgwebo, go bala le go kwala le gone go tlhakanya tota, a tlatsa ka gore e fetotse botshelo jwa gagwe ka tsela e e gakgamatsang.
A re e ne ya re morago ga ngwaga a kgona go ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma ka a ne a setse a na le lesedi la thuto, mme a atlega a thusiwa ka metshine le dipitsa tse nne go simolola kgwebo ya go dira semota borotho sa lerotse, atchar le maungo a a omeleditsweng.
Mme Mogomotsi a re o tlhotlheleditswe ke lorato lwa kapei go simolola kgwebo e.
A re o rekisetsa dikole tse dipotlana le batho ba motse. A re semota borotho sa gagwe se ratwa thata ke bana le bagolo, a tlatsa ka go re mo bogompienong Kgwebo e tsamaya ka thelelo ka bareki ba ntse ba tla ka mmetela, mme se se mo nametsa pelo.
Mme Mogomotsi o ne a tlhalosa fa a ikgapetse sekete le makgolo a mane a pula mo dikgaisanyong tse di farologanyeng tse di fetileng tsa Thuto Ga e Golelwe.
O ne a leboga thata mananeo a puso ka a kgona go fetola botshelo jwa motho. “Ke rotloetsa bomme gore ba emise go baya mo banneng ba bone ba itshwarele ka diatla ba le aramele le santse le tlhabile.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Mongwaketse
Location : MANYANA
Event : interview
Date : 10 Jan 2017






