Morogo o tlodisitse mosadi molatswana
09 Jan 2017
Mme Kerotse Gaobonwe wa motsana wa Legotlhwane are morogo o mo tlodisitse molatswana ka jaanong ene le bana ba gagwe ba phatsima, ka gore morogo o fetotse matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Mme Gaobonwe o tlhaolositse fa a lemogile gore ga a kake a nna fela ka tlala ntswa a na le diatla tse ka tsone a ka di dirisang go itshetsa, mme a simolola kgwebo ya go bapala a bo a rekisa morogo wa rothwe.
A re kgwebo eo ya gagwe e a e simolotseng ngogola e a mo itumedisa ka jaana bana ba gagwe ba kgona go lala dimpa tsa bone di le bothito ntateng ya kgora, a tswelela a tlhalosa fa a lemogile gore methale ya khumo e mentsi mme e tlhoka balati, mme ka seo a ithophela go huma ka go rekisa morogo.
O tlhalositse fa a ne a itshopere fela a sa itse gore o ka dira eng ka bana ba gagwe ba ba neng ba wela mo isong, mme a bona go tshwanela gore a dirise diatla tsa gagwe go bapala morogo selo se a reng maduo a sone a a mmerekela ka jaana a tletse ka monyenyo.
“Fa ke sena go bapala morogo o ke a o tlhatswa ke bo ke o apaa, mme ke tsena ntlo le ntlwana segolo bogolo mo motseng wa Maun se se intumedisang thata ke gore batho ba o amogela ka diatla tsoopedi,” ga tlhalosa Mme Gaobonwe.
A re kgwebo eo ya gagwe e mo fa monyenyo fela thata ga mmogo le ba lelwapa la gagwe ka a kgona go rekela bana ba gagwe paka ya sekole, go ba duelela kwa sekoleng le go ba rekela diaparo.
“Fa paka ya dipula e goroga ke tlala ka boitumelo ka ke itse gore ke a go simolola kgwebo ya me ya go rekisa morogo o gantsi o melang fela morago ga dipula tsa sephai,”ga bua Mme Gaobonwe.
A re o lemogile gore kgwebo ke sengwe le sengwe le gore kgwebo ga e tlhoke gore a bo o nna mo toropong, o kgona go e dira fela o le mo morakeng ka jaana ene a phakela kwa morakeng go ya go rekisa kwa Maun mme a kgone go dira madi a a mo itumedisang.
Mme Gaobonwe o tsweletse a tlhalosa fa mo kgwebong ya gagwe jaaka tse dingwe bonnyenyane jo a bo bonang o baya bontlha bongwe mo bankeng gore fa a tlhagelwa ke mathata a sianele kwa bankeng.
O rotloeditse Batswana go ja morogo a supa fa ba botsogo ba supa fa morogo o na le dikotla tse di siametseng mebele ya bone, o ne gape a kopa ba ba leng mo kgwebong ya morogo go o tlhokomela ka o lemogile fa o na le mosola mo matshelong a Batswana ka bontsi, a re ba emise go kgaola morogo le midi ya one a re seo se senya peo ya morogo, a re ba kgetle matlhare fela.
“Morogo le fa e le selo sa tlholego le one o tlhoka go tlhokomelwa gore le bana ba rona ba tle ba itshetse ka one dingwaga tse di tlang ka ke lemogile gore o botlhokwa”, ga bua Gaobonwe.
O kopile ba ba sa ntseng ba adimile tshwene marapo gore ba dirise diatla tsa bone, ba seka ba baya fela mo pusong gore e ba direle dikgwebo.
A re ba tshwanetse gore mananeo a puso a ba fitlhele ba dira sengwe ka gore mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
O ne gape a supa fa a le mo maikaelelong a go tsenelela mananeo a puso a nyeletso lehuma, a supa fa a kgatlhegela la semausu thata a re o batla gore ka dinako tse go senang morogo a itshetse ka semausu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jan 2017






