Dikopelo di ruta setshaba go bopagana
09 Jan 2017
Lefatshe la Botswana ka bophara, dikgaolo di tumile ka meletlo le ditiragalo tse di farologanyeng go ya ka meamuso ya tlholego le ngwao mo kgaolong eo.
Kgaolo e tshwana le ya Kgalagadi e tumile ka moletlo wa ditotoma tsa mmu, motse o tshwana Molepolole o tsholeditse serodumo sa mmino wa phathisi le moletlo wa dithubaruba, fa kwa kgaolong ya Bokalaka go tumile moletlo wa ngwao wa Domboshaba.
Kgaolo ya Kgatleng e tumile ka moopelo le mmino wa dikhwaere kana dikopelo.
Moeteledipele le motlhami wa setlhopha sa dikopelo sa Thola o Mamele e bile e le motlhami wa dipina tsa dikhwaere, Mme Semakaleng Monageng o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA bosheng.
Mme Monageng, yo o nang le maitemogelo a dingwaga di le 47 ka moopelo wa dikhwaere kana dikopelo, a re go tswa goo lowe dikopelo e ntse e le sekano se segolo sa ngwao ya Sekgatla.
A re dikopelo di aga setshaba go bopagana ka di tsisa batho mmogo le gone go gasa melaetsa ya botlhokwa.
A re dikhwaere bogologolo di ne di rotloetsa tlotlo le boitsholo jo bo agang setshaba mo bananeng mme di ba ntsha mo mekgwatheng.
O tsweletse ka go tlhalosa gore banana ke bone boeteledipele jwa isago ka jalo ba tshwanetse go agiwa go nna le boikarabelo gore ba kgone go goga lefatshe leno le go godisa itsholelo.
“Fa ke tshwantshanya le dingwaga tsa maloba, malatsi ano ditlhwatlhwa tsa dilo di ile godimo.
Bogologolo re ne re roka paka ya dikopelo ka seatla mme gompieno re thapa baroki, matsela le one a a tura.
Dijo le tsone di a tura le gone go duela dipalamo le dilo di tshwana metsi le motlakase,” a tlhalosa go ya pele.
O iteetse kobo moroko a re, bogologolo go ne go tsamaiwa ka dinao go ya lefelong la phadisanyo mme go ne go golegiwa selei le dikgomo go pegwa dijo tse e neng e le lesasaoka la mabele le metsi.
Mme Monageng o tsweletse a re dikhwaere di itemogetse kgolo e e nametsang ka jaana go na le melawana e e beilweng ke puso go laola tsamaiso ya dikopelo.
A re phadisanyo le yone e godile thata, go lebilwe dipalo tsa ditlhopha tse di tlhamilweng le meletlo ya dikgaisanyo tsa ga tautona le tse dingwe jaaka Ngwao Loshalaba.
O supile gape gore dikhwaere di phadisanya ngwaga le ngwaga ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, mme se se supa kgolo.
“Bogologolo re ne re opelela go gapa folaga le diphala tsa setlhopha se se gaisitsweng mme mo dingwageng tseno re kgona go dira letseno ka go duedisa babogedi le ba ba rekisang kwa meletlong e re a bong re e dirile jaaka ya keresemose le ngwaga o mosha,” a tswelela.
O nankotse gore dikhwaere gompieno di thusa maloko ka dilo di tshwana ditirelo tsa phitlho le manyalo, e seng fela itloso bodutu.
A re dikhwaere ke nngwe tsela ya go tshegetsa ngwao e bile di ka nowa moro ka di ka dirisiwa go gasa melaetsa ya ipabalelo tseleng, go iphapha mo nnotaging le borukutlhi.
Le fa go ntse jalo, Mme Monageng a re dikhwaere gompieno di lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la madi.
Le mororo go ntse jalo, Mme Monageng a re ditlhopha di tshwanetse go tlotlana go ya ka melawana e ba e ipeetseng go itsa go nyeletsa serodumo le tsamaiso ya dikhwaere.
A re dikhwaere di tshwanetse go somarelwa jaaka letlotlo la Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : ARTESIA
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jan 2017






