Ba kopiwa go tlhokomela masiela
09 Jan 2017
Go tlhalosiwa fa erile Morena Jesu a tlhatlogela kwa legodimong a solofetsa batho gore ga a ba tlogele ba le nosi mme o tlaa ba romelela moya wa mogomotsi ebong moya o o boitshepo, mme a ba fa taelo ya gore ba tlhokomele masiela le batlhoki.
Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse wa Takatokwane Kgosi Makgabana Tsiane fa a amogela bana ba masiela ba ba neng ba ile tshidilong maikutlo kwa Motlhabaneng kwa kgaolong ya Bobirwa, kwa kgotleng ya gagwe bosheng.
Kgosi Tsiane o supile fa se ba lephata la boipelego ba se dirang e le taelo e e tswang kwa Modimong gore ba tlhokomele bana ba masiela.
O supile gore batho ba ba kgonneng go bona ngwaga o mosha ba kgonne jalo ka thata ya Modimo eseng ka botlhale jwa bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego Mme Maureen Lefifi, o ne a tlhalosa fa letsatsi le la go sedila bana ba masiela maikutlo le simologile kwa lefatsheng la America, mme le simolotswe go ipelelwa mo lefatsheng leno ka ngwaga wa 2001, mme le simolotse mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ngogola.
O supile fa bana ba masiela ba kgokgontshiwa kwa malwapeng, ka dinako tse dingwe ba tshela sentle kwa malwapeng mme ba kgokgontshiwe mo mebileng, a tlhalosa fa ngwana wa go nna jalo a felela a nna le kgatelelo ya maikutlo, mme kwa bofelong a tswe mo taolong.
Mme Lefifi o tlhalosistse fa ba tsaya bana ba sebaka sa dibeke tse pedi, ba ba dingwaga di fa gare ga lesome le bobedi le lesome le botlhano, mme ba nne le bone kwa sekgweng kwa ba ka se kgorelediweng ke sepe, mme ba kgona go nna malatsi a le mabedi ba gana go bulega ka ntlha ya gore ba a bo ba sa ba tshephe.
O tlhalositse fa tiro e e se motlhofo, mme ba fa bana tshepho le go ba sedila maikutlo ka jaana ba a bo ba kgobotse ntho e e neng e tutetse. Mme Lefifi o tlhalositse gore morago ga tshidilo maikutlo bana ba kgona go amogela gore mme kwa bofelong botshelo bo na le tsholofelo.
O tlhalositse gore fa ngwana a gola o kgona go gakologelwa tse di diragetseng kwa morago, mme ba felele ba tswa mo tseleng fa ba sa bone tshidilo maikutlo.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Motlotlegi Tlotlo Batlhophi, o akgoletse ba boipelego tiro e ntle e ba e dirileng.
O boletse fa mo lekwalong la Ekesodo kgaolo ya masome a mabedi le bobedi, temana ya masome a mabedi le bobedi e supa gore motho ope a seka a patika masiela.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho baba nnang le bana ba masiela ba tshwanetse go ba tshwara jaaka bana ba bone, eseng jaaka makgoba jaaka fa bangwe ba dira. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Kamogelo bana ba masiela
Date : 09 Jan 2017






