Mapodisi a mo patlong
09 Jan 2017
Mapodisi a Moshupa a mo patlong ya mme mongwe yo o tlholegang ko kgotleng ya Mokibedi ko motsing wa Lekgolobotlo mo kgaolong ya Kanye Bokone.
Se se rurifaditswe ke mothusa mookamela mapodisi a Moshupa Assistant Superintendent Joel Sebotho mo potsolosong le BOPA bosheng.
Assistant Superintendent Sebotho o tlhalositse gore mme yoo wa dingwaga tse di masome a ferabobedi le borataro ga a itekanela sentle mo tlhaloganyong.
O boletse gore mme yoo o nyeletse kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane. Mothusa mookamela mapodisi a re mme yoo o ne a ile go kopa thuso ko diofising tsa ga molaodi ko Moshupa mabapi le dikgang tsa lelwapa tse di amanang le bana.
A re mme yoo o ne a na le bana ba gagwe mme ka go tlhoka lesego ya re ba tsene mo teng ga ofisi ba mo tlogetse fa ntle a tsena ka lenga la seloko.
O tlhalositse fa ba losika ba ne ba begela mapodisi ka tiragalo eo, mme ba simolola letsholo la go mmatla,mo motsing wa Moshupa bogolo jang mo kgotleng ya Mmaseetsele e diofisi tsa ga molaodi di leng mo go yone mme maiteko a mapodisi a seka a tswa maduo.
Assistant Superintendent Sebotho a re mme yoo o batlilwe ko Lekgolobotlo, le ko motsing wa Ntlhantlhe ka go ne go belaelwa a ka tswa a ile go lekola ba masika koo mme ga seka ga nna le kutlwedi.
A re ba sepodisi sa Botswana ba dirile maiteko otlhe go mmatla le ka sefofane sa tlhootomo, mme le mo nakong eno ga a utlwalelwe gope.
O ikuetse mo setshabeng gore yo o ka bonang mme yoo kgotsa a utlwalela motlhala wa gagwe a begele mapodisi a a gaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jan 2017






