Kgosi Toto II o rotloetsa temo
09 Jan 2017
Kgosi David Toto ll wa Tsabong o rotloeditse morafe wa gagwe go sola molemo bokgola jwa dipula tse di setseng di simolotse go na mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Kgosi Toto, yo e bileng e le moemedi wa kgalagadi kwa Ntlo ya Dikgosi, o ntshitse thotloetso mo potsolosong le BOPA ka bosheng, a re go na ga pula ke selo se se itumedisang thata ka gantsi kgaolo eo e tshabelelwa ke komelelo le mogote.
Kgosi Toto II o ne a gakolola le go rotloetsa balemi go teratelela masimo go itsa loruo go ba senyetsa fa ba setse ba lemile.
O ba gakolotse go lema dijalo tse di siametseng kgaolo eo di tshwana le dinawa, mmidi, marotse le magapu.
A re bogologolo balemi mo kgaolong eo ba ne ba kgatlhegela temo ka pula e ne e na ka selekanyo se se kwa godimo, mme ba ne ba felela ba kgojwa marapo ke dipula tse di boutsana le mogote ntlha ya diphetogo tsa loapi.
Kgosi Toto II o ne a gakolola ba ba senang masimo go lema merogo le tse dingwe mo digotlong le gone go thusana le ba ba nang le masimo gore ba tle ba obe letsogo.
A re bagologolo ba ne ba na le lorato, tshwaragano le tirisanyommogo e e kwa godimo ka go ne go sena ngwana ope yo o neng a ka lala le tlala baagisanyi ba na le se se ka jewang.
Fa a bua ka loruo o boletse fa pula e setse e nele e tladitse megobe le dipane mme seo se tlaa imolola barui ba kgaolo eo mo letlhokong la metsi le phulo.
O ne a gakolola batsadi go itsa bana go ya go tshamekela kwa megobeng ka go le borai ba ka felela ba betwa ke metsi.
Mo potsolosong e nngwe, meteledipele mo lephateng la tepo loapi mo Tsabong, Rre Kabelo Rakanyane o boletse fa paka ya pula e simolola ka Phalane go fitlha ka Mopitlo.
Rre Rakanyane o boletse fa pula e le ntsi mo Kgalagadi Borwa.
A re tsholofelo ke gore e tlaa tswelela e na ka bokete fa ba tshwantshanya le ngogola.
O ne a gakolola setshaba go ela tlhoko matlo a bone a ba a pegileng matlapa kwa godimo ga disenke, a re go ka felela go baka dikgobalo, bogolo jang ka mo gongwe pula e na e le mashetla ka diphefo.
A re tshenyo ya pula mo gongwe e bakwa ke ka fa dikago di agilweng ka teng le gore di agilwe fa kae le gore lefatshe le ntseng jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Jan 2017






