Barekisi ba ithokomolosa molao kwa Mmatshumu
08 Jan 2017
Kgosi wa motse wa Mmatshumo mo kgaolong ya Boteti Rre Keletshwaretse Phetsogang a re o tshwenngwa ke thekiso ya majalwa a a dirwang mo malwapeng mo motseng wa gagwe.
Kgosi Phetsogang o buile jalo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA a tlhalosa fa majalwa a a tshwenya ka gore barekisi ba majalwa ao ba simolotse go tlhoka go obamela molao wa thekiso ya one.
Kgosi Phetsogang o boletse gore barekisi ba majalwa a ba bula dikgwebo tsa bone go fitlhela nako e e beilweng ya go tswala e feta.
O tsweletse ka gore fa ba molao ba tswala marekisetso a majalwa, barekisi ba bojalwa ba a ikuela ba re ba a kgokgontshiwa ka gore ba metse e mengwe e e mabapi ba kgona go rekisa majalwa a bone go tlola le nako e e beilweng ya go tswala.
Rre Phetsogang o tladitse ka gore banni ba motse wa Mmantshumo ba seka ba itshwantshanya le ba metse e mengwe ka gore motse mongwe le mongwe o na le tsamaiso ya one.
A re go laola thekiso ya majalwa a a dirwang mo malwapeng go thusa gore go nne le molao le tsamaiso e e lolameng mo motseng.
Kgosi Phetsogang o ntshitse letshwenyego la gore badiri ba majalwa a a dirwang mo malwapeng ba tlhakanya metswako e e sa letlelesegeng e bile e le diphatsa mo botsogong jwa banwi ba majalwa a, a tswelela ka gore ba tshwanetse ba tsenya metswako e e tlhomamisitsweng, go sa nneng jalo ba tlaa tseelwa dikgato tse di maleba.
Rre Phetsogang a re Batswana ba tshwanetse ba emisa go nwela majalwa mo mafelong a a sa tshwanelang.
O tsweletse a re mo motseng wa Mmatshumo, ba tshwenngwa ke batho ba ba nwelang majalwa fa thoko ga makadiba, a re banwi bao ba felela ba thuma mo go one, a re go dira jalo go diphatsa ka gore makadiba ao a nna dinoga mo teng e bile ba kgotlela metsi a a nowang ke leruo le batho.
Kgosi o tsweletse a re batho ba ba nwelang fa makadibeng a ba dira mafelo a teng leswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tumelo Koboyatau
Location : MMATSHUMU
Event : interview
Date : 08 Jan 2017






