Paka ya sengaparile e gorogile
08 Jan 2017
Sengaparile ke semela se se bonwang thata mo kgaolong ya Kweneng Bophirima le Kgalagadi.
Ke semela se se bonwang thata mo sekakaeng, ka jalo boremelelo jwa sone ke kgaolo ya Kweneng le ya Kgalagadi ka di na le sekaka.
Go ya ka babapadi ba semela se se botala jo bosetlha mo matlhareng, se ntsha leungo le le mitlwa le le tlhabang le bo le ngaparela mo sengweng, mme le tswe ka thata ka le le mitlwa e e tiileng gongwe le gongwe.
Ba tlhalositse fa ko meding semela se se na le digwere tse pedi, se sengwe moepi o se bona a ise a epe thata, sa bobedi se botengnyana e bile se bonwa morago ga sa ntlha.
Ba tlhalositse fa segwere se e le sone se se tlhokafalang.
Batho ba Kweneng le ba Kgalagadi ba nna ba eme malala a laotswe gore paka ya sone e goroge ka se bonala thata ka paka ya dipula.
E re ka monongwaga dipula e nnile tse di namagadi sengaparile se setse se simolotse go iponatsa thata mo kgaolong ya Maboane le Takatokwane.
Semela sa sengaparile se tumile thata ka boleng jo se nang le jone ka fa kalafing.
Go ya ka ditso tsa sone semela se se ne se dirisediwa go alafa malwetse a mantsinyana a akaretsa sebete, madi, pelo le a mangwe fela jalo.
Banni ba mafelo a ba setse ba boloditse letsholo la go bapala segwere se.
Ba se bapalela gantsi go se rekisetsa dikompone tse di dirang le tsa merero ya bongaka, ka gatwe ba se dirisa go dira melemo ya sekgowa.
Go ya ka mongwe wa batho ba ba bapalang setlhare seo, Mme Keorapetse Dipheko o sale a simolotse papadi ya sengaparile ngwaga di le masome mabedi tse di fetileng, mme o ntse a kgona go itshetsa ka madi a a a boneng go tswa mo go rekiseng sengaparile.
O tlhalosiste gore fa Batswana ba ka ema ka dinao ba bapala segwere se ka mmetela se ka thusa lefatshe thata ka le ene o itse boleng jwa sone mo go tsa kalafi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Koziba Masaseng
Location : TAKATOKWANE
Event : interview
Date : 08 Jan 2017





