Matlhogoputswa ga a ipone tsapa
08 Jan 2017
Motho wa maloba o ne a iteile kgomo lonaka fa a re go tsofala yo o ratang. Se se netefaditswe ke matlhogotshweu a a itlhametseng khwaere kwa kgotleng ya Mmaseetsele kwa Moshupa.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Neo Kontle, leloko la khwaere ya Matlhagolatsela a re khwaere eo e simologile pele ga boipuso jwa ngwogola e le nngwe ya thulaganyo ya dipaakanyo tsa ipelelo dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso.
“Khwaere ya rona e opelelwa ke matlhogotshweu a dingwaga tse di simololang ka masome a marataro le botlhano go ya kwa godimo. Se ke go leka go supegetsa batho gore go tsofala ga se bokhutlo jwa botshelo,” ga tlhalosa Mme Kontle.
Fa a iteela kobo moroko, Mme Pinkie Sekate, mokwaledi wa khwaere eo a re ba tsosolosa ngwao, seriti le serodumo sa dikhwaere ka gore ba opela dipina tsa bogologolo di tshwana le Senorita le Nkadima Shutu.
O ne a tlatsa ka go re se se tlaa thusa bana ba bone gore ba itse ba bo ba opele dipina tse ba neng ba di opela bogologolo mme go thuse go somarela ngwao le puo ya Setswana.
Mme Sekate a re khwaere ya bone e na le maloko a le masome mabedi, a tlhalosa fa ba bonana morago ga dikgwedi di ka nna tharo go abelana maele ka tse di amang khwaere ya bone.
E re le ntswa ba leka ka thata, Mme Sekate a re le bone fela jaaka khwaere nngwe le nngwe ba na le dikgwetlho.
A re ka ke bagolo, nako tse dingwe ba baya matsetsi le go ya go lema ka paka ya temo.
Mme Tlhabologo Babutsi ene o ne a tlaleletsa ka go re, “ga re na koloi e e re tlhatlosang mosepele go dira ditiro tse di farologaneng jaaka go ya go ikwadisetsa dikgaisanyo tsa ga Tautona le mekgaphi e mengwe ya rona”
A re ba eletsa go kokotletsa madi gore ba thusane ka dinako tsa dintsho le manyalo, le go thusa bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Mongwaketse
Location : MOSHUPA
Event : interview
Date : 08 Jan 2017






