Breaking News

Double Numbers motlhami wa dikopelo yo motona

08 Jan 2017

 Motswana o sale a buile a re selo se kopelo e a tsalelwa, e tshwana le bogosi.

O ne a opile kgomo lenaka ka jaana ga se mang le mang yo o ka reng o dira pina ya dikopelo mme batho ba tlhaloganye molodi wa yone.


Modimo e rileng go bopa motho, a mo fa talente go ya ka fa a ratileng ka teng. Mme bangwe bone o ne a ba abela talente ya kopelo kana go nna le bokgoni jwa go opela. O kgona go fitlhela mo merafeng ka go farologana, morafe mongwe o kgona sengwe go gaisa e mengwe gongwe e bile e le bone ba go tsewang malebela mo go bone.


Fa go buiwa ka moopelo bogolo jang wa dikhwaere kana dikopelo jaaka go tlwaelesegile mo kgaolong ya Kgatleng, ga go morafe ope o o ka ba gaisang, go sitang le bone ba ba setseng ba o opela ba kopile mo Bakgatleng jaaka fela Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.


Le fa go ntse jalo, o ya go fitlhela mo gare ga morafe o wa Bakgatla, go na le dikgeleke le bagaka ba dikopelo ba e leng gore fa o ya go opela le bone o bo o ipaakantse sentle e sere gongwe wa laela go sale phakela.


Rre Thibe Nyepetsi yo o twaelesegileng ka leina la Senior Lecturer kana Double Numbers ke mongwe wa bagaka le batlhami ba batona ba mmino wa dikopelo.


O itsege sentle mo kgaolong ya Kgatleng gore ke mang e bile o rutile batho ba le bantsi dikopelo le gone gore tlhamo e dirwa ka tsela e e ntseng jang.


Double Numbers a re o simolotse go opela ka ngwaga wa 1977 mme nako eo o ne a sa ntse a le mosimanyana a le dingwaga di le 14 fela.


A re ka nako eo, dikopelo di ne di le pharologanyo thata le gompieno ka e bile go ne go opela bagolo thata go na le banana.

O supile fa go ne go opelelwa kwa masimo mme le tsone dikhwaere di ne di le palo-potlana mme batho ba itse ko go iwang teng ka nako ya matsalo a morena le ngwaga o mosha.


 Double Numbers a re mo gareng ga dingwaga tsa 1977 go ya go 1989 o ne a tla ka mogopolo wa go tsisa diphetogo mo kopelong ya bone ka gore o ne a sa rate ka fa go neng go opelwa ka teng.


A re ka jalo o ne a fetola dikopelo a tsisa tlhabololo mo go tsone le molodi le moribo o o pharologanyo le se se neng se tlwaelesegile.


 O supile fa batho bangwe ba ne ba seka ba rata diphetogo tse a neng a re o a di dira mme bangwe bone ba ne ba lemoga talente ya gagwe mme ba tsena mo khwaereng ya bone.


Double Numbers a re ka ngwaga wa 1980 o ne a simolola go tlhama dipina tsa dikopelo mme morago batho  ba simolola go bona gore  setswerere sa tlhamo ke se mme khwaere ya bone ya nonofa fela thata le palo ya baopedi ya oketsega.


O ne a kaya fa ka ngwaga wa 1984, khwaere ya bone ya Dinyorita kana DYT jaaka e bidiwa, e ne ya gola ka e ne e na le motlhami wa motiya.


A re le fa go ntse jalo, khwaere eo e ne ya wa ka ngwaga wa 1985 bangwe ba kaya fa madi e le one a ba kgaogantseng le fa gone go sa nna jalo.

A re bontsi jwa batho ba ba neng ba opelela khwaere eo e ne e la ba kgaolo ya Leloto.


Double Numbers a re o tlogetse khwaere eo a dirile dipina tse dintsi mme batho ba ne ba di rata fela thata. “Nne ke kgona gore e re ke opela, ke fitlhele babogedi ba tsholola dikeledi ba lebeletse khwaere e opela mme ka lemoga gore tlhamo ya me e siame fela thata”.
 A re e ne ya re moragonyana khwaere ya bone ya hirwa kwa motseng wa Molepolole ko a fitlhetseng go binwa mmino wa phathisi teng mme a o rata fela thata.
E rile go boweng koo, a leka go amanya ditepe tsa bone le kopelo ya Sekgatla ka gore ba ne ba bina monate mme a kgatlhegetse mmino wa bone.
Double Numbers o kaile fa a ne a kgona go gatisa alebamo ya bone ya ntlha mme ya re ka ngwaga wa 1986 morago ga phadisano le khwaere nngwe e e neng ya ba bontsha marago a tshwene, a tlelwa ke mogopolo wa go fetola ka fa ba binang ka teng.
A re alebamo ya bone e ne e bidiwa Zikini Phazama, e na le dipina di le 24 mo go tsone e le e e neng e opela lefatse ka bophara ya Ke tsele dipalame, ke latlhegile ke sotlegile le tse dingwe tse di monate fela thata.


Double Numbers kana Senior Lecture jaaka a bidiwa, o ne a tlhalosa fa pina ya Ke latlhegile ke sotlegile a e dirile morago ga go kgaogana le khwaere e e neng a e opelela pele ka go ne ga nna le madubadube a dipharologanyo le ba bangwe.


 A re mme se se neng sa mo itumedisa ke gore morago batho ba ne ba simolola go tsenelela dikhwaere kana dikopelo ka mmetela ka jaanong ba ne ba tlhaloganya sentle tswine ya mmino wa dikopelo le gore go iwa kae.


Senior Lecturer a re o ne a gatisa alebamo e nngwe gape e bidiwa Pantsola for Life e le yone e neng ya dira sentle fela thata mme e bile Radio Botswana e ne e tshameka dipina tsa gagwe ka bontsi.


A re o na le dipina di ka tshwara sekete tse e leng tlhamo ya gagwe a le nosi mme dikhwaere ka bontsi di tlhamilwe morago ga go utlwa molodi wa tlhamo ya gagwe.


Double Numbers a re e re le ntswa bangwe ba sa kake ba bua gore ke ene a ba thusitseng, mme boammaaruri ke gore moribo wa tlhamo ya gagwe ke one o dirisiwang mo dikopelong ka bontsi mo kgaolong ya Kgatleng le lefatshe leno ka bophara.
A re ka ngwaga wa 1985, o ne a tlhama khwaere ya Matlapa a Leloto,e ko tshimologong e neng e bidiwa London mme sebe sa phiri ya nna gore fa ba ya go e kwadisa ba fitlhela leina leo le setse le dirisitswe ke ba bangwe mme ba tshwanelwa ke go batla le lengwe.


Senior Lecturer o supile fa pina ya Okhalelani, e e rayang gore o lelela eng, o utlwetseng botlhoko, e le tlhamo ya gagwe le fa badiragatsi ka bontsi ba e opela o kare ke ya bone.


Rre Nyepetsi yo o dingwaga tse 51, a re dilo tse dingwe mo botshelong ke talente e e senang  bana ba phefo. A re o buisiwa se ke gore mo go ene, tlhamo ga e tsenye dingalo e bile ga go mo tseye sebaka sepe go dira pina.


“E re ntswa ke se mokwadi, ke lebelela setlhogo sa molaetsa ke bo ke dira pina ke sena le fa e le mathata.” Double Numbers a re ke se Modimo a se mo fileng mme e bile o itumelela gore ga a ikgagapelela neo eo ka gore o thusitse dikhwaere di le dintsi lefatshe ka bophara go simolola dikopelo tsa bone.


 O supile fa baopedi le batlhami ka bontsi mo Kgatleng ba tswa mo diatleng tsa gagwe mme o itumelela go ba bona ba tsweletswe le dikhwaere tsa bone.


Double Numbers a re go tlhama pina go raya gore le mmino wa yone o tshwanetse wa ruta baopedi le one, mme a re o lebogela gore batho ba a ba rutang ba a rutega mme e bile ba tlaa tswelela ba godisa serodumo sa mmino wa dikopelo.


Rre Nyepetsi a re maikaelelo a gagwe ke go bona dikhwaere di tsweletse mme e bile di itshetsa ka moopelo wa tsone.

A re ba ne ba tlhama mokgatlho o o bidiwa Baikopanyi mme kgangkgolo ya bone e le gore dikopelo tsotlhe di dire mmogo go ya pele.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Dikopelo

Date : 08 Jan 2017