Bagwebi ba le arametse le sa ba tlhabetse
05 Jan 2017
E re ka jaana morafe wa Sefhare o ne o kubugela kwa lebaleng la kgwele ya dinao moso le moso go simolola ka letsatsi la keresemose go fitlha ka letsatsi la ntlha la ngwaga o mosha ba bo ba boa mo maitseboeng, bontsi ja bagwebi ba ba botlana ba ne ba dirisa sebaka seo go itirela letseno la madi.
Mo potsolosong, Mme Dorah Motshwarakgole a re ke motho yo o sekeng a batla go nna ka diatla ka jalo o ne a seka a ipona tsapa go ya go rekisa ka malatsi a fa batho ba kokoane kwa lebaleng.
Mme Motshwarakgole a re o ne a rekisa dinotsididi, diunits, manyena le maseka tse a di itiretseng.
A re kgwebo ya gagwe e dirile bontle thata mo malatsing a a ferangbobedi ao go gaisa jaaka e ne e tle e dire fa a le kwa lwapeng.
“Ke kgonne go dira madi a go tla ke duelela bongwanake ba babedi kwa sekoleng fa a mangwe ke tlaa a isa kwa mabolokelong,” ga bolela Mme Motshwarakgole ka sefatlhego se se tletseng boitumelo.
Mme Motshwarakgole a re lorato ke lone lo mo tiisang moko mo go sengwe le sengwe se a eletsang go se itirela.
O ne a gakolola setshaba go tsosolosa mowa wa go ipelega gore ba seka ba lebelela dithuso tsotlhe go tswa mo pusong.
Mogwebi yo mongwe Mme Patience Kgosiemang, a re o lebogela go seka a ipona tsapa ga gagwe ka jaana a dirile dipoelo tse di nametsang mo kgwebong ya gagwe ya go rekisa dimonamone, dinotsididi le ditshwantsho tse bananyana ba tshamekang ka tsone.
O supile fa a simolotse go nna a rekisa mo lebaleng ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ka 2016 mme a re ga a kitla a ipona tsapa ka jaana dipoelo di le dintsi thata di tlhoka bone ba ba ka di latelang.
Mme Kgosiemang a re pula e ne e le yone fela kgwetlho e e neng e tla e kgoreletsa kgwebo.
A re mme ka a le pelotelele seemo seo se ne sa seka sa mo kgoba marapo.
O ne a rotloetsa bangwe ka ene go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : POTSOLOTSO
Date : 05 Jan 2017






