Breaking News

Motswakwa o bolaetswe kwa marekisetsong a bojalwa

05 Jan 2017

Mapodisi a Bobonong a tlhotlhomisa polao ya monna mongwe wa lefatshe la Zimababwe e e diragetseng kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le bone kwa motseng wa Molalatau.

Mo potsolotsong le mothusa ramapodisi wa Bobonong, Assistant Superintendent  Sitali Phuthego a re moswi o tlholega kwa Gwanda kwa  Zimbabwe o dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, maina a gagwe a sa ntse a lobilwe go fitlhela ba masika ba itsisiwe.

Assistant Superintendent Phuthego a re monna yo go supega a ne a bereka mo lefatsheng leno a sena teseletso go belaelwa a ne a tlhoka kutlwisisano le makawana a le mararo kwa marekisetsong a bojalwa mme go belaesega ba ne ba mo keteka gone mo bosigong joo.

Assistant Superintendent Phuthego a re makawana a le mabedi a  dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le bosupa ba  tshegeditswe ke ba sepodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso fa mmelaelwa yo mongwe a sa ntse a tsene ka lenga la seloko.

Babelaelwa ka boraro jwa bone ba tlholega ko motseng wa Molalatau.

Moswi o ne a fitlhetswe a rapaletse  gaufi le marekisetso a bojalwa, mme a fetisediwa kwa kokelong ya Bobonong  kwa dingaka di neng tsa rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.

Assistant Superintendent Phuthego a re batsadi ba moswi go tswa Zimbabwe ba ne ba tla go bona setopo mme ba netefatsa fa e le ngwana wa  bone.

Assistant Superintendent Phuthego o boletse fa batho ba letso la Zimbabwe ba  ba dirang ba sena diteseletso ba le bantsi kwa motseng le tikologo ya Molalatau mme a kopa banni go thapa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno ka fa molaong e bile ba na le teseletso ya go dira.

Rre Phuthego a re go thapa motswakwa yo o senang teseletso ke molato, o motho a ka o sekelang fa pele ga lekgotla.

Fa a ama dikotsi tsa tsela a re go ne ga nna le kotsi e e masisi mo tseleng ya Molalatau –Bobonong, e mo go yone go neng ga  golafala mosadi a le mongwe yo o neng a ragogesediwa kwa kokelong ya Mahalapye.

A re kotsi e e ne e ama dikoloi di le tharo mme mo bakgwetsing ba dikoloi tseo ba le babedi ba ne ba itshietse nnotagi e bile yo mongwe  a sena teseletso ya go kgweetsa.

Rre Phuthego o kopile setshaba go fokotsa nnotagi fa ba kgweetsa, ka e baka dikotsi e bile bangwe ba ka latlhegelwa ke matshelo ntateng ya go kgweetsa ba nole.

Rre Phuthego a re ko ntle ga dikgang tsa polao le kotsi ya tsela, setshaba sa Molalatau ba ne ba dirisana le mapodisi sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selelo Moshokgo

Location : MOLALATAU

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2017