Breaking News

Monana wa Tlhareselele o tshela ka petwana

05 Jan 2017

Rre Pule Letshikhoana yo o tlholegang kwa motseng wa Tlhareseleele mo kgaolong ya Borwa kwa Borolong o itiretse mmereko ka go gweba ka go betla.

O tlhalositse  mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng fa a sa ipona tsapa go itirela ka diatla morago fa a sena go bona letlhoko la ditiro le le lentsi  mme o simolotse go ipereka go tswa ka ngwaga wa 2009.

A re kgwebo ya gagwe ke ya go betla legong go dira ditilo tsa dikgole, ditafole,  dikosini tsa ditswalo le tsa matlhaba phefo tsa legong, diphetlho, megori, go loga ditlhaka, le go baakanya tsotlhe tse di dirilweng ka legong ko malwapeng.

Rre Letshikhoana a re o ithutile go betla a tsaya malebela mo bathong ba ba neng ba betla legong, mme pheleletsong a felela a itirela ka diatla.

A re mo kgwebong ya gagwe e a e direlang kwa toropong ya Lobatse e tsweletse sentle, a re mo dinakong tsa gompieno go iperekela o dira ka diatla go na le mosola e bile go ka go isa golo gongwe.

O boletse gore fa a sale a simolola kgwebo go nnile le dikgwetlho tse di sa ntsheng mokola mo a feletseng a reka didirisiwa tse a di dirisang go betla, mme seemo sa tokafala.

A re bontsi jwa batho ba ba rekang mo go ene ke ba toropo ya Lobatse le metse e e mabapi.

O buile fa a kgona go dira madi a a ka kgonang go ithusa le go tshetsa ba lelapa la gagwe.

Rre Letshikhoana o boletse fa maikaelelo a gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a thapile bangwe gore le bone a ba namole mo lehumeng.

“Ke tswa kgakala le kgwebo ya me e sa dire sentle le e dira sentle, mme borotho jone ke a bo bona”

A tswelela a re o tla ikopanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma gore ba mo thuse ka didirisiwa tse di ka tlhonolofatsang tiro ya gangwe ya go betla.

O tlhalositse fa ba ba dirang dikgwebo tse dipotlana ba seka ba itlhoboga fa dikgwebo tsa bone di sa dire sentle, a fa sekai ka ene jaaka a nnile le dikgwetlho tse di farologaneng mme a nna a itsetsepela.

O kaile fa dingwe tsa dikgwebo tsa banana tse di phutlhamang e le ka go tlhoka go kwala madi a a tswang le a a tseng mo kgwebong go bona gore e dira jang, mme a re seo se dira gore pheleletsong ba palelwe ke go itse gore kgwebo e isiwa tlase ke eng.

A re mo bogompienong o nna ko Molapowabojang mme mo tswelelong ya botshelo o batla go ipona a nna le lelwapa la gagwe le a le agileng ka madi a kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 05 Jan 2017