Breaking News

Mokgatlho o thusa bana ba basetsana

05 Jan 2017

Mokgatlho wa Baanakwena mono Kanye o abetse letsholo la Sanitary Towel Campaign dimpho  tse di tlaa thusang go tlamela bana ba basetsana ba ba mo dikoleng tse dikgolwane.

Dimpho tseo, tse di lopileng dikete tse pedi tsa dipula le lekgolo, ke dibokoso di le thataro tse di tsentseng mephuthelwana e feta makgolo a mabedi a mesangwana.

Tiro ya go aba dimpho e ne e tshwaretswe kwa dikagong tsa khansele tsa Tomela mo Kanye ka Labobedi.

E rile a bua mo boemong jwa mokgatlho, Rre Bosele Batsile a tlhalosa fa mokgatlho o o dira jaana go tsibogela mokgosi wa mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa e bile e le mokhanselara wa Mafhikana, Rre Thamiso Chabalala wa go bolotsa letsholo la go rekela bana ba  basetsana ba ba mo dikoleng tse dikgolwane mesangwana.

O tlhalositse fa mokgatlho o o na le dingwaga tse pedi o kwadisitswe ka fa molaong e bile o na le molao-mothao.

Rre Batsile a re  pele ga ba akanyetsa go bopa mokgatlho ba ne ba le bantsi ka palo, mme ba bangwe ba ikgogela morago ka gore boithaopo bo ne bo tlhokana le madi a go simolodisa mokgatlho. A re mme se se ne sa seka sa ba kgoba marapo go tswelela pele ka tiro ya bone ya go aba.

E rile a amogela dimpho tseo, Rre Chabalala a akgola mokgatlho oo ka  tiro ya bone.

Rre Chabalala a re o simolotse letsholo le morago ga go lemoga fa ngwana wa mosetsana a na le kgwetlho ya go tlhoka go ya sekoleng ka lebaka la go tlhoka mesangwana ka nako ya fa a le mo malatsing  a banyana mme se se mo kgoreletse mo dithutong.

O tlhalositse gore ba lekalana la bogakolodi mo dikoleng ba kgona go thusa mme ga go lekane.

Rre Chabalala a re mokgatlho wa Baanakwena o aba jaana morago ga gore letsholo le le abelwe  ke monni mongwe wa Kanye sekete sa dipula, fa bangwe ba rekile dibokose tsa mesangwana di le pedi.

Are maikaelelo ke go phuthela mesangwana e golo go le gongwefela mme e re e nna palo e kgolwane a bo a e phatlalatsa le dikole tse dikgolwane tsa kgaolo ya Borwa fa go nang le botlhoki teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Jan 2017