Sepelong o ikemetse ka dinao
05 Jan 2017
Rre Matlhogonolo Sepelong ke monana yo o inaakantseng le dikgwebo ka go farologana e le tsela ya go tlhabolola botshelo jwa gagwe.
Rre Sepelong yo o dingwaga tse di masome a mararo le bone ke molemi-morui, morekisi e bile o rwalela batho dithoto.
E rile ka ngwaga wa 2007 a sena go fetsa mophato wa botlhano, o ne a tshwaratshwara kwa marekisetsong a nama a batsadi ba gagwe.
O ne a simolola go ikokoanyetsa madi gore a kgone go ipereka.
“Ke ne ke batla go ikemela ka bonosi, ke nne le dikgwebo tsa me.” Rre Sepelong o tlhalositse mo potsolotsong gore o ne a atlega ka go ikokoanyetsa madi mme a reka dikoko, dikgaka le dipidipidi.
“ Ke simolotse ke reka diruiwa ka bongwe ka bongwe.”
Ka ngwaga wa 2011, monana yo o ne a bula marekisetso a gagwe a nama (Four Barrell Butchery) kwa kgotleng ya Mabumahibidu mo Bobonong. Go thubiwa kgapetsa-kgapetsa ga marekisetso ke magodu, ga mo tlama gore a a tswale.
Rre Sepelong o tlhalosa fa dikoko tsa nama a di rekisetsa lebentlele la Choppies mo Bobonong le metse e e mabapi. E ne ya re ka ngwaga wa 2014, monana yo, yo o tlholegang mo Bobonong a tlelwa ke leano la go rua dikolobe.
“ Ke ne ke batla go rua sengwe se se pharologano mo bananeng ba bangwe”
E ntse e le ka 2014, Rre Sepelong o ne a bula semausu (Four Barell Tuckshop) go tlatsa mo dikgwebong tsa gagwe. Godimo ga moo, monana yo, o rwalela batho dithoto go tswa mo mafelong a a farologaneng.
Rre Matlhogonolo Sepelong o tlhalosa fa diruiwa tsa gagwe di tshela ka dijwalo tse a di lemang kwa masimong a gagwe.
Fela jaaka balemi-barui ka bontsi, Rre Sepelong o lela ka leuba le le mo jesetsang mo kgobedung.
Monana yo o tlhalosa fa a na le keletso ya go bula madirelo a a jesetsang diruiwa tsa gagwe teng (feedlot) mme a solofela fa mananeo a ga goromente a ka mo tswa thuso.
Rre Sepelong o buile fa dikgwebo tse, di le bokete ebile le boroko a sa bo bone. Lerato la gagwe mo temo-thuong ke lone le le dirang gore a bereke ka thata ebile a tshware ka natla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Akoonyatse
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 05 Jan 2017






