Ngwaga o mosha o gorogile ka thitibalo
04 Jan 2017
Bangwaketse ba ne ba itshwere sentle go gorosa ngwaga o mosha.
Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale o buile jaana mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, a tlhalosa fa go ne go se na botlhokatsebe jwa bana jwa go kgoreletsa metsamao ya dikoloi ka go kgobokanya matlapa mo ditseleng jaaka gale.
Superintendent Mogale a re kwa ntle ga moo go utswilwe megala ya lotheka e le metlhano kwa maitisong a go gorosa ngwaga o mosha a Ga-maila ka Matlhatso bosigo fa dingwaga di kgaogana
A re tse dingwe ditiragalo tsa maitisong ao, e ne e le go thubiwa ga dikoloi ka maikaelelo a go utswa ke dirukutlhi dingwe mme maikaelelo a bone a retela ka gore mo ditiragalong tseo tsotlhe beng ba dikoloi ba ne ba robetse mo teng ga tsone mme ba tsosiwa ke modumo wa go thujwa ga seokomokelabagwe .
Superintendent Mogale a re e ntse e le bosigo jwa dingwaga di kgaogana, rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o ne a tlhajwa ka thipa ke basimane bangwe ba le bane kwa marekisetsong a bojalwa a Motswedi.
A re rre yoo, o ne a tswetse fa ntle mme a tlhaselwa jalo mo fifing. O tlhalositse fa rre yoo a sidilega kwa kokelong ya Sabata mo Kanye.
Le fa go ntse jalo ga go a tshwarwa ope mabapi le tiragalo e fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.
Mo go tse dingwe ditiragalo mookamela mapodisi a re e rile ka Tshipi kgwedi eno e rogwa ka nako ya boraro maphakela mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla yoora Sebego mo Kanye a thubediwa ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le ene e le wa kgotla yoora Sebego.
O tllhalositse fa tiragalo eo e diragetse fa batho bao ba ne ba tswa maitisong kwa lefelong la go intsha bodutu la The Ark.
A re mmelaelwa o tshwerwe o mo diatleng tsa mapodisi mme o ne a solofetswe go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Kanye ka Laboraro.
Kwa Moshupa gone mookamela mapodisi a koo, Superintendent Oteng Ngada a re o lebogela banni go gorosa ngwaga o mosha ka boitumelo go se na dikgang tse di maswe.
Fa a tswa la gagwe, mooki yo mogolwane kwa kokelong ya Sabata mo Kanye Mme Elky Mosalakatane o tlhalositse fa go tshotswe bana ba le batlhano kwa kokelong eo fa ngwaga o mosha o rogwa, basimane ba le bane le mosetsana a le mongwefela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 04 Jan 2017






