Ba thothomisa ditiragalo
04 Jan 2017
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone basimane bangwe ba babedi ba tlhakanetseng dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga kwa Kokotsha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Go ya ka mookamela mapodisi a Werda,Superintendent Mompoloki Ramatsia mo potsolosong le BOPA, tiragalo e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mararo.
Spt Ramatsia o tlhalosa fa basimane bao ba ne ba fitlhela mosetsana yoo kwa ga malomaagwe, ba feta ba mo phamola ba mo gogela kwa sekgweng kwa ba fetileng ba tlhakanela dikobo le ene.
Rapodisi o boletse gore basimane bao, ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano le lesome le borataro ba tlaa lebisiwa molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa ngwaga o mosha o gorositswe sentle ka boitumelo le kagiso kwa Werda le metse e e mabapi.
E re dikgang di eme jalo, motshwarelela Ramapodisi a Middlepits, Inspector Mokwaledi Ntoka o boletse fa ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome mabedi le bobedi mabapi le matshosetsi a polao.
Inspector Ntoka a re lekawana leo le ne la alola rraagwe wa dingwaga tse di masome mane le boraro ka koloi kwa morakeng mongwe gaufi le Khawa ka letsatsi la ngwaga o mosha morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.
A re e tlaa re mo bogaufing lekawana leo le ipege fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mo Tsabong go lebisiwa molato wa motshosetsi a polao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine simane
Location : Kokotsha
Event : Potsolotso
Date : 04 Jan 2017




