Ba Master Goya ba gatetse pele
04 Jan 2017
Monongwaga lenaneo la go rotloetsa ditlhopha la Master Goya Soccer Tournament le tlaa bo le digela dingwaga tse di lesome le ntse le le teng.
Morotloetsi wa metshameko ya kgwele ya dinao ya kgaolo, Mopalamente Moiseraele Goya o buile jalo fa a ne a abela ditlhopha tsa kgwele ya dinao dimpho morago ga gore di gaisane ka malatsi a botsalo jwa Morena.
Mopalamente o rotloetsa ditlhopha di le masome mararo le borobabongwe ngwaga le ngwaga ka tsone dinako tse, ka madi a paka le dietsele.
Maikaelelo magolo a go simolodisa metshameko eo ke go leka go kgapha banana mo ditirong tse di ka ba itayang tsebe kana tsa ba tsenya mo diphatseng, segolo jang ka dinako tsa botsalo jwa Morena ka ba a bo ba le mo boitumelong, le gone gore ba itlose bodutu.
Mopalamente Goya a re kgaolo ya Legare ke kgaolo ya tsa metshameko, mme a supa fa a ise a itshetlele thata go ka kgona go rotloetsa makalana a mangwe a tsa metshameko jaaka bolo-tlowa, bolo ya molangwana le ya kgwele ya dinao ya bomme.
Rre Goya o ne a rotloetsa botsamaisi jwa komiti le bone batshameki go sala melawana e ba e dumalaneng morago go itsa dikgang tse e e reng metshameko e fela di nne teng tsa gore bangwe ba tsieditswe, batshwara diphala ba rekilwe, le tse dingwe tse di amanang le tsone.
A re fa melawana eo e ka salwa morago go sa mpampediwe ga go na dikgang dipe tse di ka nna teng.
A re go tsena ka nako kwa mabaleng go ka thusa gore batshameki ba sekasekwe gore a ke bone ba ba kwadisitsweng, mme ar e seo gape se ka fokotsa go runya ga ditlhopha tse e ya reng nako le nako di bo di kwadisiwa di le disha, mme ga itebagangwa le tse di ntseng di le teng.
E rile a boela mo gore jaanong ba ya go tsamaisa jang monongwaga, a supa fa maikaelelo e le go fetola tsamaiso e e tlwaelesegileng ka go dira mokete o motona o o tlaa ngokang diopedi tse di farologanyeng, o bafenyi ba yang go fiwa dimpho tsa bone golo go le gongwe kwa ba tlaa bong ba tshamekela teng mo lefelong le le tlaa bolelwang.
Ditlhopha di kgaogantswe ka mafelo a le matlhano e bong Palapye mo go nang le ditlhopha di le lesome le borataro, Dikabeya di roba bobedi, Makoro di supa, Masuakoloi di le nne, Sajwe le nne.
Ditlhopha tse di neng tsa abelwa dikgwele ke tsa kgaolo ya Sajwe sa Bobirwa FC se se boneng P2 000, paka le dietsele fa sa Makoro FC sone se bone P2 550, paka le dietsele.
E ne ya re ba akgela, batsamaisi ba kgwele ya dinao ba supa fa keletso e le gore mo tsamaong ya nako go fapaanngwe batshwara diphala, mme ba duelwa ke ditlhopha tse di tshamekang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Master Goya Soccer Tournament
Date : 04 Jan 2017






