Khama o abela Mosu
29 Dec 2016
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o ne a le kwa kgotleng ya Mosu go aba dimpho ka Laboraro (Morule 28).
Banni ba ne ba tsile ka makatlanamane e bile difatlhego tsa bone di phatsima ka boitumelo.
Tautona Khama o ne a abela bagodi le batlhoki dikobo le dijo fa bana bone ba ne ba fiwa mophuthelwana wa dijo.
O ne a abela kgotla ya koo ditilo, a aba dibaebele le paka ya kgwele ya dinao.
Tautona Khama o ne gape a abela setlhopha sa mmino wa Setswana sa sekole se sebotlana sa Mosu diaparo tsa mmino oo.
Tautona Khama o ne a tlhalosa fa tsela ya motse oo e tlaa dirwa, a tlatsa ka go re bangwe ba setse ba kile ba ya kwa motseng go dira tshekatsheko ya tsela.
Kgosi Thanyego Pemole ene o ne a galaletsa mananeo a puso a go ntsha batho mo lehumeng a re maduo a teng a a bonala.
O ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore tsela ya motse wa bone e tlaa dirwa ntswa a re o na le letshogo la gore go ka nna ga twe itsholelo e wetse tlase.
Mothusa kgosi ya Mosu, Rre Philip Kopano o tshwantshitse maeto a ga Tautona, bogolo jang ngwaga o fela le la ga Samuele mo Baebeleng.
“E ne e re ngwaga le ngwaga a nne a dikologe a ye Bethele, Gilegale le Misepa, a tlhole Iseraele mo mafelong otlhe ao mme a boele Roma gonne ntlo ya gagwe e ne e le gone,” a bala mo go Samuele wa ntlha,kgaolo ya bosupa, temana ya lesome le borataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Mothusi Galekhutle
Event : moletlo wa kabo dimpho
Date : 29 Dec 2016






