Magotlhwane o a ipela
29 Dec 2016
E rile bosheng, Magotlhwane mo kgaolong ya Borwa o ne a ipelela dingwaga tse masome a marataro motse o ntse o le teng.
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o boletse fa Magotlhwane a le lesego thata ka o sa ntse o tsweletse ka ditlhabololo.
Rre Ralotsia, yo e bileng e le tlhabololo temo-thuo le dijo, o boletse fa Botswana e le lefatshe la kagiso le thokgamo go sa rone go bona ba ipela jaana.
O boletse fa kwa mafatsheng a mangwe go le dintwa go lwelwa lefatshe.
O rotloeditse banni go inaakanya le lephata la gagwe la temo-thuo go ntsha dijo le go itirela mebereko.
O boletse fa temo-thuo e le yone konokono mo botshelong jwa Batswana mme ba tshwanetse ba e eme ka dinao.
Tona o ngongoregile ka balemi bangwe ba ba sa soleng mananeo a puso molemo le mororo a le teng go ba thusa.
O ba kopile go ipopa ditlhopha gore ba tle ba phunyediwe didiba mahala gore ba leme le go nosa leruo la bone.
Le fa go ntse jalo, mabutswapele kwa Magotlhwane ba boletse fa motse wa bone o thibeletse ka ngwaga wa 1956 o tswa kwa Taung go bapa le Mogobane.
Ba boletse fa Taung e simolotse e le molelwane wa Balete le Bangwaketse.
Ba boletse fa erile Balete ba tlhaelelwa ke lefatshe ba kopa go phuthologa mme banni ba Magotlhwane ba ba sutela ba tla go nna mo Magotlhwane.
Magotlhwane ke leina le le tswang mo dithabeng tse di bonwang gaufi le one motse oo.
Matlhogotshweu ba boletse fa tota leina e le Makalane, mme la mediwa ke leina Magotlhwane. Banni ba itumetse thata gore motse wa bone o bo o ipela.
Ba itumeletse ditlhabololo tse ba di boneng mo motseng wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAGOTLHWANE
Event : moletlo
Date : 29 Dec 2016






