Breaking News

Ngwao e supa boleng jwa motho - Batshu

29 Dec 2016

Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu, a re ngwao ke yone fela e e supang boleng le bokao jwa motho ka jalo o kopile batho go tshegetsa ngwao gore e seka ya nyelela.
Rre Batshu o buile seo kwa dikgaisanong tsa mmino wa Setswana le moopelo kwa Tutume ka Labobedi.
A re ngwao ke mpho e batho ba e filweng ke Modimo ka ke selo se se tswang  boteng jwa motho se sa kwalwa gope mo dibukeng.
O tsweletse a bolela fa dikgosi di rotloetsa ngwao,ka jalo seo se ne se dira gore morafe o gole o lomagane,ba tshwaragane ka mowa o le mongwe.
Rre Batshu a re le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o rotloetsa ngwao ke ka moo go nang le dikgaisano tsa diletso le mmino wa ngwao.
A re go ne ga dirwa lephata la banana, metshameko le ngwao go rotloetsa ngwao gore e seka ya nyelela. A re lephata leo le ntsha madi ngwaga le ngwaga go rotloetsa ngwao.
Rre Batshu o ne a leboga boora Edward Totego ba ba duleng ka mogopolo wa dikgaisano tseo maikaelelo e leng go tsosolosa ngwao. A gatelela ka gore se ba se dirileng ba jadile peo ka go tsosolosa ngwao e e neng e tsamaela go nyelela.
E ne e rile pele,fa a amogela baeng Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume a leboga fa go sa ntse go na le mongwe yo o kgonneng go lemoga fa morafe o latlhegelwa ke ngwao mme a leke go baakanya seemo seo ka nako.
Kgosi Nsala a re Batswana ba setse ba lebetse ngwao ya bone ba siya le dingwao tsa merafe e sele selo se a kaileng se ngomola pelo ka merafe eo yone e tshegeditse dingwao tsa yone,a gatelela ka gore ngwao ke yone e agang setho sa motho ka jalo fa moeng a tsena mo morafeng o lebelela boitshwaro le ngwao ya morafe oo. Morulaganyi wa dikgaisano tseo,Rre Edward Totego o boletse fa a rotloeditse dikgaisano tseo ka madi a a kana ka P40 000, maikaelelo e le go tsosolosa ngwao ya batho ba Tutume le go kopanya batho ba dikgotla tsotlhe tse di mo Tutume go leka go aga mowa wa botsalano gore ba nne ngata e le nngwe ba kgone go tshwaragana go tsosolosa ngwao le go tlhabolola motse wa bone.
Rre Totego o tlhalositse fa a simolotse dikgaisanyo tseo ngogola mme di tla nnna di tswelela ngwaga le ngwaga.
Kwa dikgaisanyong tseo, setlhopha sa mmino wa Setswana wa Ndazula sa Moto go tswa kwa kgotleng ya Thini se ne sa gapa maemo a ntlha sa ikgapela P3 500,maemo a bobedi a tsewa ke sa Selolwane go tswa kwa kgotleng ya Selolwane ka P2 500,fa maemo a boraro a tserwe ke sa Tabeyapo sa ikgapela P1 500.
Mo dikgaisanong tsa moopelo wa marabi (choral) setlhopha sa mmampodi go tswa kwa Madikwe se gapile maemo a ntlha ka P3 500 fa a bobedi a ne a gapiwa ke setlhopha sa Lebeleka kwe damba le sone se tswa kwa kgotleng ya Madikwe madi a P2 500 fa maemo a boraro a ne a gapiwa ke sa Motlakase go tswa kwa kgotleng ya Selolwane ka madi a P1 500.
Ditlhopha di ne di le lesome le bobedi tsa mmino wa Setswana le tsa moopelo mme ba ba tsereng maemo a bone go ya ko go a bofelo ba ne ba atswiwa ka P800 setlhopha sengwe le sengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Mosuruke

Location : TUTUME

Event : dikgaisano

Date : 29 Dec 2016