Legadima le gaila dihutshane
29 Dec 2016
Mogolwane mo lephateng la matlhoko a leruo kwa Letlhakane, Rre Phepafalo Lenkobe o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone dihutshane di ganyaotsweng ke legadima.
Fa a bua mo potsolotsong ka Laboraro, Rre Lenkobe o tlhalositse fa ba ne ba amogela pego ya gore dihutshane le dintsa di bolailwe ke legadima kwa merakeng ya Tlapa la Dikhudu (Boswelapelo) mo kgaolong potlana ya Boteti kwa merakeng ya Motopi.
A re morago ga go amogela pego eo, o ne a roma mmereki mongwe go ya go bona seemo mme a filthela legadima le bolaile dinku di le masome a mane le boferabobedi, dipodi tse di masome mabedi le boraro le dintsa tse pedi. Rre Lenkobe a re tiragalo eo e diragetse ka Labobedi nako ya bobedi mo tshokologong. A re dihutshane tse di bolailweng ke legadima ke tsa ga Rre Omponye Kereteletswe.
Maiteko a go bua le Rre Kereteletswe a iteile se fololetse ka mogala wa gagwe o ne o se mo phefong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2016






