Breaking News

Kgosi Martin o akgola komitii

29 Dec 2016

Kgosi Nagano Martin o akgoletse komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Paje mowa wa kutlwelobotlhoko ka se se tsamaelana le letshego la tebelopele ya lefatshe leno la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathalela bao ba ba tlhokileng lesego.
Kgosi o buile se kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o komiti e e neng e  o  diretse banale bogole ba motse oo bosheng.
Kgosi o lebogetse thata tiro e ya ba komiti ya ditlhabololo a supa fa tiro e gantsi e le selo se ba se bonelang fela mo mafelong a mangwe.
O tsweletse ka gore “molelo fa o tshubiwa, o simolola o le monnye mme o gole o feleletsa o tshuba naga yotlhe,” a re  ka jalo o dumela gore tiro e jaaka e le lantlha e tshwarwa mo motseng wa gagwe, e tlaa re mo tsamaong ya nako e tlaa bo e godile.
Kgosi o ne a supa fa  Baebele e tlhalosa gore motho o dirilwe mo tshwanong ya Modimo, se se rayang gore fa motho a sotla banalebogole o a bo a sotla ene Modimo ka sebele.
O bile  a rotloetsa batsadi gore ba tseye bana ba banalebogole jaaka ngwana mongwe le mongwe, ba  rutiwe ditiro ka gore le bone ba na le bokgoni  jwa ditiro tse dingwe, ba seka ba lebelelwa fela foo.
    Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa VDC Mme Botswelelo Osupile a re ba bone go tshwanela go ba phutha ka ba lemogile gore lentswe la bone le sa utlwale mo motseng wa bone wa Paje le gore kgosi ya bone e tle go ba bona.
A re o lemogile fa bontsi jwa batho ba na le go fitlha batho ba go nna jalo selo se a sa itseng gore se bakwa ke eng.
Molalelediwa wa tlotla e bile e le monalebogole go tswa ko Serowe Deaf Association Rre Laone Osupile, a re o eletsa go thusa banalebogole ba bangwe mo motseng wa bone wa Paje jaaka a bereka le ba Serowe ba thusana mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone e le banalebogole.
O kopile batsadi  ba banalebogole  ba ba sa utlweng jaaka ene gore ba itomaganye nae.
Mongwe wa komiti ya VDC Rre Christopher Kgoberego a re  modiro o ba o diretseng go ipela le bana ba le go ba ntsha kwa morago o na le tsholofelo ya gore mo dingwageng tse pedi tse di tlang ba tlaa bo ba godisitse moletlo o e le selo se setona.
O tsweletse ka go supa gore o tlhaloganya gore go tlhokomela bana ba ke kgwetlho, mme o leboga botsadi jo bo kgonneng  go tlhokomela bana ba banalebogole a re go supa lerato le bo Modimo ka ba na le kutlwelobotlhoko.
O akgoletse batsadi ba ba kgonneng go tsisa bana ba bone, a re ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong go tsena ka bana ba mo gare ga batho.
A re ba tsamaye ka bone mo bathong gore ba ba tlwaele e seka ya re ba ba bona ba ba hakgamalela.
Mongwe wa batsadi ba ba neng ba le foo o lebogile thata thotloetso e ba e fiwang mo go tlhokomeleng banalebogole.
O tsweletse ka go lemotsha batho gore banalebogole ke mpho e ba e filweng ke Modimo ka gore bana ba go nna jalo ga ba a ba itlhophela Mme Modimo o ba ba file ka jalo ba tshwanetse  go ba amogela ba tlwaela go tshela nabo.
A re Baebele e buwa ka bone batho ba go nna jalo gore go ne go teelwa gore ditiro tsa Modimo di tle di bonagadiwe ka bone.
Bana ba ne ba fiwa dimpho tsa keresemose mme morago ba a ja dijo tsa motshegare le kgosi le balalediwa go tswa mo maphateng a a farologanyeng. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Boikobo Monageng

Location : PAJE

Event : moletlo

Date : 29 Dec 2016