Breaking News

Balwetse ba abetswe dimpho

29 Dec 2016

Balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong mo nakong e ya ngwaga ya malatsi a boitapololso ga ba a ikgethela e bile ga ba a ikwadisetsa gore ba ka robatswa mme ka seo go botlhokwa gore kereke e supe maitlamo a yone le seabe mo go thuseng batho le go tsisa monyenyo mo go ba ba robaditsweng. Se se ne se buiwa ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la dikereke Bishop Bampoloki Rantsudu wa kereke ya Spiritual Healing Church bosheng fa ba abela balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong ya Mmadinare.
Bishop Rantsudu o tlhalositse fa lekgotla la dikereke le le agilweng ke boeteledipele jwa dikereke tse di farologaneng mo Mmadinare le bone go tshwanela go seegela letsatsi le le lengwe go etela kokelo e go tla go abela balwetse ba ba robaditsweng dimpho go ba busetsa mowa wa botshelo le tsholofelo.
A tswelela ka go kgothatsa ba ba neng ba le teng go nna le tumelo ka e le yone e ka ba fodisang, a tlhalosa fa batho ba ba tlang go bona bongaka ba tle ba nne le tumelo ya gore thuso e ba e fiwang e ka ba fodisa ka Modimo a neetse baoki le dingaka maatla a go ka ba fodisa.
Bishop Rantsudu o supile fa lekgotla la dikereke le itlamile go rurifatsa letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ngwaga le ngwaga ba ntshetsa bana ba masiela ba Mmadinare Children’s Corner sekete sa dipula go supa lorato mo go bone.
Mookamedi wa kokelo ya Mmadinare, Dr Kamuina Kalala o tlhalositse fa kgato e ya ba lekgotla la dikereke e le ntle e bile e le maleba gonne balwetse ke batho ba ba tlhokang tlhokomelo e tona le lorato. O tlhalositse fa a solofela gore dimpho tse di abetsweng balwetse di tlaa tsisa boitumelo mo go bone. Dimpho tse di ne di akaretsa melora, ditlolo, dino tsididi le dimonamone. Kgosi ya Mmadinare, Mme Maureen Mphoeng o ne  a tlhalosa fa e le tiro e tona thata e e tlaa fang balwetse boitumelo e bile a solofela fa di tlaa ba busetsa botsogo jwa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Ditsheko

Location : Mmadinare

Event : kabo dimpho

Date : 29 Dec 2016