Kgosi Nkawana o gakolola batshwari ba phane
29 Dec 2016
Kgosi Setho Nkawana wa kgotla ya ga Nkawana kwa Tsetsebye a re batshwari ba phane ba ba thibeletseng kwa morakeng wa Lekgolwe go bapa le motse wa Tsetsebye ba bantsi fela thata monongwaga.
Fa a bua mo potsolotsong, o supile fa bontsi jwa bone e le batho ba ba tswang mo metseng ya Gobojango, Bobonong le Tswapong.
Kgosi Nkawana a re matshwanedi ke gore batshwari ba phane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ga ba kgotlele tikologo ka tsela epe fela.
A re batshwari ba phane ba tshwanetse go tshwara phane e e setseng e godile e bile gape ba seka ba kgaola ditlhare ka gore dijo tsa phane ke ditlhare.
Kgosi Nkawana a re go botllhokwa gore ba ele tlhoko gore ga ba tshware phane e e setseng e simolotse go ikepela.
O kaile fa go le botlhokwa thata gore batshwari ba phane ba dirise matlo a boitiketso a nakwana go itsa go anamisa bolwetse jwa mabele.
O tlhalositse fa mantle a batho a a leng fa godimo ga tlhaga kana mmu a anamisa bolwetse joo.
Kgosi Nkawana a re sekgwa se batho ba thibelelang mo go sone fa ba tshwara phane se na le digagabi tse di borai jaaka dinoga ka jalo batho ba nne podi matseba fa ba ntse ba tsamaya go itsa go longwa ke digagabi tseo.
O gakolotse batshwari ba phane go tsibogela go isa bao ba ba tlhagetsweng ke malwetse kwa sepatela kana kokelong ka nako.
O gwetlhile batshwari ba phane go tsaya diteleseletso tsa go tshwara phane go itsa go gotlhagotlhana le molao.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa motse wa Tsetsebye, Rre Lame Motsamai o supile fa go ithomela gongwe le gongwe ga batho fa ba le mo dikampeng jaaka tsa go tshwara phane go ka anamisa bolwetse jwa mabele jo bo ka bayang matshelo a leruo le batho mo diphatseng.
O supile fa go le thata mo bagwebing ba dikgomo go ka rekisa dikgomo tse di amilweng ke bolwetse jwa mabele.
A re nama ya kgomo e e amilweng ke bolwetse jwa mabele e tsaya nako e telele e se kwa marekisetsong ka go a bo go emetswe gore bolwetse joo bo kokobele mme seo se beye bagwebi ba marekisetso a nama ka fa mosing.
Rre Motsamai a re go botlhokwa gore batshwari ba phane ba simolole go tshwara phane ka nako e e maleba e bile gape ba tshware phane e e setseng e thuthuntse.bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : TSETSEBYE
Event : interview
Date : 29 Dec 2016






