Mosimane o tlhokafetse ka kotsi ya koloi
29 Dec 2016
Mosimanyana wa dingwaga tse nne o tlhokalafaletse gone foo fa koloi e a neng a e palame e ne e pitikologa mo tseleng ya Makunda/Charleshill letsatsi morago ga keresemose ka nako ya borataro maitseboa.
Go ya ka ramapodisi wa Charleshill, Superintendent Lebani Burns, kotsi eo e diragetse morago ga gore mokgweetsi wa koloi eo a latlhegelwe ke taolo.
Ramapodisi Burns a re koloi eo ya modiro wa Toyota hilux single cab e ne e pegile bana ba fera bobedi kwa morago le bagolo ba le babedi kwa pele go balelwa le mokgweetsi.
Ramapodisi a re go robaditswe ngwana a le mongwe le mosadi yo o robegileng leoto mo kokelong ya Ghanzi fa mokgweetsi ene a bonye dikgobalo mo lotlhaeng mme a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone.
Superintendent Burns a re mapodisi ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile kotsi.
A re bontsi jwa bana bao ba bonye dikgobala tse dipotlana fa setopo se santse se le mo setsidifatseng go bonwa ke dingaka.
Mo dikgannyeng tse dingwe ramapodisi o supile fa monongwaga mo Charleshill le tikologo go ne go rena thitibalo ka jaana bontsi jwa batho ba ba nnang mo Charleshill ba ne ba ile go jela keresemose kwa merakeng.
A re ba ne ba tsamaya mo merakeng mme gone go rena thitibalo, ka jalo akopa banni ba Charleshill go itsaya fela le ka malatsi a ngwag o mosha.
Kwa molelwaneng wa Mamuno Mme Ontitile Marumoloa, mogolwane wa mesepele o ne a supa fa Batswana ba ne ba tswa ka bontsi go ya Swakopmond mme e bile go na le ba ba neng ba tsena mo Botswana ka bontsi ba fetela Afirika Borwa le Zimbabwe.
Mme Marumoloa a re tirisano ya bone le batho bao e ne e le kwa godimo ka jaana ga ba a bona mathata ape le mosuke ba ne ba kgona go o laola.
Mogolwane yoo o ne a supa fa ba ne ba kopana le dikgwetlho tsa bana ba ba senang bosupi jo bo tswang kwa motsading yo mongwe fa a setse kwa morago jo bo letlang ngwana go tlola molelwane.
A re ka tshwanelo fa o tsere ngwana o le mmagwe kana rragwe o tshwanetse go nna le mokwalo o o kwadilweng ke motsadi yo mongwe wa ngwana fa a se yo mo mosepeleng.
Ramopdisi a Ghanzi, Rre Modiro Lekone ene o supile fa mo Toropong ya Ghanzi le metse e e mo tikologong go ne go rena kagiso. A re le fa go ntse jalo go ne ga nna le thubetso e le nngwefela.
A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, a tlatsa ka go re mosadi yoo o thubeditswe tshokologo ka nako ya boraro.
Ramapodisi a re mo ditseleng ga ba a gatisa melato epe kwa ntle ga kotsi e e diragetseng kwa Charleshill fela.
Mo kokelong Ghanzi ka letsatsi la keresemose go belegwe basimane bana le babedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : interview
Date : 29 Dec 2016






