Seametso o abela balwetsi
29 Dec 2016
Modulasetilo wa Khansele ya Borwa e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona Rre Alec Seametso o sa tswa go lekola balwetse le go ba abela dimpho ka letsatsi la botsalo jwa morena ko kokelong ya Sabata mo Kanye, bosheng.
Rre Seametso a re moono wa go aba dimpho tseo ke go lere boitumelo le tsholofelo mo balwetsing bao gore ba seka ba itlhoboga ba tlhwaafalela ba malwapa a bone ka letsatsi la botsalo jwa morena.
A re gape seo ke go sidila maikutlo le mewa e e wetsweng ke bokoa le go dira gore le bone ka letsatsi leo ba itumele le go ikutlwa ba le mo gae.
A re letsatsi la botsalo jwa morena le ngwaga o mosha le tshwanetse go tlotlwa a gatelela ka gore ditiro tse di dirwang ka letsatsi le di tshwanetswe go dirwa ka semowa eseng senama gore batho ba segofale.
Rre Seametso a re fa malatsi a boitapoloso a tsena boeteledipele jwa lefatshe bo tshwenyega ka matshelo a batho gore a ba tlaa bo ba babalesegile, a re ka jalo o eleletsa mongwe le mongwe loeto lo lo babalesegileng.
Modulasetlo wa khansele a re o leboga bodiredi jwa kokelo ya Sabata ka ba dira ditiro ba ikaegile ka Modimo, e bile ba na le tlotlo, a tlhalosa fa dimpho tseo tse di neng di akaretsa melora, ditlolo le tse dingwe di tlaa oketsa se kokelo e tlaa se neelang balwetse bao ka letsatsi la botsalo jwa morena le ngwaga o mosha.
A re go dira mo lephateng la botsogo ke kgwetlho e tona a re mme o leboga badiri ba kokelo eo go menagane ka ba dira tiro ka botswapelo, a gatelela ka gore le tsone tota dikoloi tsa kokelo eo tse di rwalang balwetse ga a ise a utlwe gotwe di amegile mo kotsing ya tsela.
Rre Seametso o tsweletse a re e re le ntswa go na le tlhaelo ya metsi mo Kanye o lebogela bophepa jwa kokelo eo ka seo se supa fa ba ba phepafatsang ba dira tiro ka natla, mme a kgothatsa badiri botlhe ba kokelo eo go tswelela ba ntsha maduo a mantle mo tirong.
Erile a amogela dimpho mo boemong jwa kokelo, Dr Kenaope Kenaope wa sepatela seo a re ba leboga fela thata a supa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang, a re go molemo thata gore motho a kgaogane se a nang le sone le ba bangwe, bogolo jang ba ba sa kgoneng.bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Dec 2016






