Breaking News

Chanoga o tlaa atolosa leobo la kgotla

28 Dec 2016

Bagodi kwa Chanoga mo kgaolong ya Ngamiland ba dumalane go atolosa leobo la kgotla ka jaana ba re le lennye.
Ba dumalane jalo kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke banana ba motse go lebogela bagodi seabe sa bone mo go tlhabololeng motse wa bone.
E re ka mogopolo oo o ne wa ntshiwa ke mongwe wa bagodi, Rre Ramokolodi, bagodi ba ne ba o atla ka tsoopedi ba re nako e gorogile ya go tsosolosa mowa wa boipelego e seng go emela puso gore e dire ditlhabololo.
Ba re metse mengwe e gatetse pele ka ditlhabololo ka ntlha ya one mowa wa boipelego mme ba supa fa le bone ba ka seke ba palelwe ke go itirela ka jaana ba na le kgosi yo o tlhaga e bile a na le tebelopele.
E ne ya re a ba rekisetsa mogopolo, Rre Phenyo Rammokolodi a tlhalosa fa motse o godile mme leobo la bone la kgotla le le lennye. A re ka nako ya selemo gone go ngomola pelo ka jaana le sa kgone go ka amogela palo e ntsi ya banni.
O tlhalositse gape fa kgotla ya bone e tshegetsa mediro e metona ya setshaba e e okang matshwititshwiti a batho mme a gatelela botlhokwa jwa go tlhabolola leobo la bone.
A re go maleba gore ba emele motse wa bone ka dinao ka go ema nokeng bogogi jwa motse mo go tlhabololeng motse. O tsweletse a re puso e dira maiteko mme le bone ba tshwanetse ba sega ya bone tema go nonotsha maiteko ao.
Mongwe wa bagodi ba motse Rre John Benn le ene o ne alatlhela tlhware logonnyana a supa fa nako e gorogile ya go itsaya motlhala le gone go supegetsa bana gore mo dipakeng tsa maloba ba ne ba kgona jang mo dinakong tse di thata.
A re dipaka di fetogile ka jaana bana ba gompieno ba itewa tsebe ke dilo tsa sesha mme ba felele ba latlha le sone setho tota.
A re bone ba godile ba itse fa mogolo mongwe le mongwe e le motsadi wa ngwana mongwe le mongwe yo a kopang nae mme a supa fa gompieno bana ba latlhile ngwao eo.
O ikuetse mo batsading go busetsa serudumo sa ngwao le gone go lemotsha bana tsela e e siameng a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba gola ba itse gore tlhong botho.
Modulasetilo wa mokgatlho wa banana ba motse, Rre Mokeresete Mokeresete o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela go kgobokanya bagodi go ba fa keresemose ka maikaelelo a go ba lebogela seabe sa bone mo kgodisong ya bone ga mmogo le tlhabololo ya motse.
A re banana ba se ba leng sone ka ntlha ya lorato le tlhokomelo ya batsadi mme ka jalo go a tshwanela go ba lebogela seo.
O ne a itsise bagodi fa ba na le tiro e tona ya go tlhabolola motse mme ba tlhoka kemonokeng ya bone.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oateng Setlhodi o ne a lebogela banana moono wa go direla bagodi keresemose a re ke ditso se ba se dirileng. bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : CHANOGA

Event : moletlo wa dijo tsa motshegare

Date : 28 Dec 2016