Breaking News

Mokgatlho o emela ba-na-le bogole

28 Dec 2016

Go simolodisitswe semmuso mokgatlho wa Disability Support Group Botswana kwa Molepolole ka bosheng.
E rile a bua kwa moletlong wa go simolodisa mokgatlho o, modulasetilo wa mokgatlho, Mme Obusitswe Baping, o ne a lebogela thotloetso e batsadi ba kgotla ya Goo Khunohu le Bakwena ka kakaretso ba e ba fileng.
A re mokgatlho o, o tlhamilwe ka maikaelelo a go emela dikgatlhego le lentswe la ba-na-le bogole kwa Molepolole, a tlatsa ka gore o tlaa ba thusa gape go nna seopo sengwe.
Mme Baping a re maloko a mokgatlho o, ga se ba-na-le bogole fela mme go na le ba ba emetseng ba-na-le bogole ba ba tshelang le bone.
Modulasetilo o ne a tswelela ka go itela mo setshabeng mme a tlhalosa fa bontsi ja banalebogole e le batho ba ba sa itewang letsogo mo thutong mme a kopa morafe, dikompone le maphata a puso go ba rotloetsa ka tse di ka ba direlang botshelo motlhofo.
E rile a tswa la gagwe moeteledipele wa khamphani ya  Mma-Motse Home Décor e e gwebang ka  go tshwantsha mealo ya matlo, Mme Tswelelang Tese, yo e leng mo-na-le bogole a re bogole ga se jo bo bonwang ka matlho fela mme jo bongwe bo mo maikutlong.
Morotloetsi wa mokgatlho o, e bile e le moeteledipele wa lekgotla la The Good Samaritan, Rre Kabo Morwaeng ene o ne a kaya fa bogole e le selo se se amang mogwe le mongwe ka jalo a kopa morafe go nna seopo sengwe mo dikgannyeng tsa go thusa banalebogole.
A re ka bosenakitso, batho bangwe ba iphitlhela ba tsaya banalebogole ka letsogo la molema mme a re se, se tshwanese go fedisiwa ka ponyo ya leitlho.
“Re tshwanetse go tlotla le go ba tsaya tsia”, a gatelela.
O akgoletse mokgatlho o go lemoga le go inaakanyetsa go emela dikgatlhego le lentswe la maloko a lone mme a supa fa ba le mo motlhaleng wa motsogapele a a reng “letsema le thata ka mong wa lone.
Rre Morwaeng o ne a wetsa puo ya gagwe ka go tlhomamisa fa letkgotla la gagwe la The Good Samaritan le tla tswelela ka go ema mokgatlho o nokeng. bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Molepolole

Event : moletlong wa go simolodisa mokgatlho

Date : 28 Dec 2016