Breaking News

Setlhopha sa mmino se somarela ngwao

22 Dec 2016

Moeteledipele wa setlhopha sa mmino wa Setswana sa Ngwao le Metlha, Rre Abednico Baitsile, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go tsosolosa ngwao ya Botswana le go e somarela go ya pele.

O buile seo bosheng mo potsolosong kwa Serowe.

Rre Baitsile a re setlhopha sa bone se simolotse ka ngwaga wa 2010, mme  se akaretsa bomme le borre ba le masome a mararo,mme se tlholega mo Serowe kwa kgotleng ya Mannonye.

A re setlhopha sa bone se dira bontle fela thata ka se nna se  tsenelela dikgaisanyo tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga mme mo ngwageng o o fetileng ba ne ba tsaya maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa makgaola kgang.    

Rre Baitsile a re mo malatsing a segompieno banana ba inaakantse le meopelo le mmino ya sekgoa, mme bone le setlhopha sa gagwe ba inaakantse le go tsosolosa le go ipelafatsa ka ngwao ya ga bone ka gore ngwao ke selo se se botlhokwa fela thata mo botshelong jwa motho ka e fa motho seriti sa tlhwatlhwa, gape e supa motho kwa a go tswang.
 

A re mo go tse dingwe o itemogetse gore le bone batsadi ba latlhile ngwao,le meila ya Setswana ga e sa tlhole e le teng ka jalo se se dire gore banana ba seka ba nna le sepe mo ngwaong ya bone ka ntata ya gore ga ba na thotloetso go tswa kwa batsading.

A re e le setlhopha ba kopana le dikgwetlho di tshwana, a re Batswana ba dingalo mo dituelong ka jalo go le gantsi ba tsaya ditlhopha tsa mmino wa Setswana lolea, se se raya gore madi a bone ga ba bone a le botlhokwa go ka a dirisa go ba rotloetsa.

Rre Baitsile a re kgwetlho e nngwe ke gore ga ba na  yo o ba ithaopetseng go ka ba thusa ka  madi ka jalo ba patelesega go kopa dithuso mo diofising tsa puso mme bangwe ba ba tswe dithuso le fa e se tse di kgotsofatsang.

A re ba tila dikgwetlho tsa bone ka go kopana gararo mo kgweding gore ba kgone go rerisana ka fa kgwebo ya bone e tsamayang ka teng mme ba tle ka megopolo e e ka thusang go aga setlhopha sa bone go ya pele.

O tsweletse ka gore gape ba tsena mo diofising tsa ga puso tse di farologaneng go kopa dithuso mme ba ba kgonang ba ba tswe thuso.

O ikuetse mo setshabeng gore ba kopa gore ba ba lemoge,ba ba rotloetse gape ba ipelafatse ka bone e le bana ba Batswana ka ba setse ngwao ya bone morago e seng go rata dipina tsa sekgoa ba ikgatholosa tsa segabone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 22 Dec 2016