Breaking News

Barui ba Tshetlho ba atolosa letamo

22 Dec 2016

Baagi ba masimo a Tshetlho ba itshwaragantse go atolosa le go teratela letamo go leka go hema seemo sa letlhoko la metsi se se neng se ba apere.

Mo potsolotsong bosheng,  Mme Kutlo Mediamere, o ne a tlhalosa fa tiro ya boithaopo e se ya ntlha mo masimong a bone.  A re ka ngwaga wa 2014, ditlou di ne tsa tlhasela masimo a bone tsa kgaola terata ya letamo le go katela letamo ga sala e le seretse fela le motshotelo wa tsone.

A supa gore ngwaga wa 2015 o ne wa fela ekete ba itlhobogile, mme ya re lenyora le simolola go gakala ba kopanya ditlhogo gore ba dira jang mo ngwageng one o.

Ka bangwe ba bone e le babina tlou ba dumalana gore ba katolole letamo ba ntshe seretse sa ditlou ka e le sereto sa bone selo se se neng sa dumalanwa ka bongwefela jwa pelo.

Tiro ya simololwa, mme ka bontsi e ne e le bagolo ba bona gore tiro ya go katolola ka dikotlele e bokete ba dumalana gore monni mongwe le mongwe a ntshe podi gore go tle go kgonwe go hira katakata go epololola  letamo.

Mme Mediamere, leloko la komiti ya phutho ya dipodi, a supa fa go ne ga ntshiwa dipodi di le lesome le bobedi tse ba ileng ba di rekisetsa ba lenaneo la ofisi ya nyeletso lehuma, mme tsa ba fa madi a a kana ka P8 400 ba kgona go epa letamo la bone gape.

Mme Sekgarametso Olefile a re ba sale ba filwe letamo le Ke Rre Kgosietsile Monthe ka ngwaga wa 1985, go fokotsa letlhoko la lenyora mo masimong a bone.

Mongwe wa banni Keitirele Malefho o, ne a tlhalosa fa kepo ya letamo le ya ntlha e tsile ka nako ya fa Mme Dr Gaositwe Chiepe e sa ntse e le mopalamente wa bone, yo ba tlhalosang fa a tsere karolo mo kepong e ka a ne a tlhokometse thata le go ba rotloetsa mo go epeng letamo le.

O tsweletse ka go tlhalosa gore fa ba epa letamo le Mme Dr Chiepe o ile a buwa mafoko a gore “letamo le, ke la phoisane ya motho le podi fela, mme dikgomo le ditonki di tlaa nwa ko megobeng.”

Baagi ba masimo a ba supile gore ba ne ba ithaopa mongwe le mongwe a tla ka kiriba ya gagwe le garawe go tla go epa letamo.

Ba tlhalositse gore ko morago ba lephata la temo-thuo ba ne ba feletsa ba ba thusitse ka go ba fa didirisiwa di tshwana dikiriba, dilepe le digarawe go dira tiro ya bone motlhofo.

Ka nako eo ba bona gape le thuso ya ba “ Namola Leuba” go epa letamo la bone le mo nako ya gompieno ba le bitsang fela bare Namola Leuba.

Ka letamo le le simolotswe le ageletswe ka matlhaku, mo tsamaong ya nako ba ne ba fiwa terata ke puso ba kgona go agelela letamo la bone.

Ba supile fa bangwe ba bone ba ile ba isiwa sekoleng sa go dira terata le go rutwa ka letamo kwa Mahalapye ke ba komiti ya balemi (farmers committee).

Mongwe wa banni ba masimo ao o tlhalositse gore nngwe ya dithuto tse a di amuleng mo go ba ba neng ba isitswe sekoleng mabapi le dikgang tsa letamo e nnile gore ditlhare tse di fa thoko ga letamo ga di kgaolwe ka di sireletsa phefo le letsatsi mo metsing.

Ba supa gape gore le ba komiti ya balemi, modulasetilo Rre Tsogo Kelebiditse le Rre Lediretse Mpetlang ba ile ba ba kopela ba lenaneo la Ipelegeng le ba neng ba le dirisa go epa letamo ba rema le go tsosa terata e e neng e kgaotswe ke ditlou. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikobo Monageng

Location : TSHETLHO

Event : Potsolotso

Date : 22 Dec 2016