Breaking News

Lephata la dikgwa le rotloetsa temo ya ditlhare

22 Dec 2016

E re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya go thuthafala ga loapi, phetogo ya loapi le bosekaka, lephata la dikgwa le tshomarelo matlotlo a tlholego le rotloetsa temo ya ditlhare go lwantsha seemo se.

Mo potsolotsong mogolwane mo lephateng la dikgwa le tshomarelo matlotlo a tlholego, Rre Peter Olekantse o tlhalositse fa go fokotsa manokonoko a seemo seo, ba rotloetsa Batswana go lema ditlhare ka go farolagana.

O supile fa setlhare sa Motsintsila e le sengwe sa ditlhare  tse ba rotloetsang Batswana go di lema mo lefatsheng leno. O tsweletse a tlhalosa fa setlhare sa Motsintsila se se itsegeng ka leina la Berchimillar Discolor kana Bird Plum ka sekgowa se tlholega mo lefatsheng leno.

A re gantsi setlhare seo se mela mo mafelong a a bapileng le dinoka jaaka dikgaolo tsa Chobe, Ngami le Okavango.

Rre Olekantse o boletse gape fa setlhare seo se fitlhwelwa mo mafatsheng mangwe a a mo kgaolong ya borwa jwa Africa jaaka Nambia, Angola le Namibia.

A re ba rotloetsa temo ya setlhare se ka go bo se mela motlhofo gape se kgona go itshwarelela mo dipakeng tse di thata ka se sa tlhoke metsi a mantsi.

O boletse fa mo lefelong le ba jwalang dipeo tsa ditlhare mo go lone mo Maun, ba jwetse thata ditlhatshana tsa Motsintsila go feta ditlhare tse dingwe.

Rre Olekantse o tlhalositse gape fa setlhare seo se na le maungo a a sukiri a a jewang e bile se kgona go ungwa mo dipakeng tsotlhe. A tswelela a supa fa maungo a sone a ratiwa ke dinonyane le fa bangwe ba gweba ka one go inosa metsi.

Go supegetse gape fa maungo a setlhare seo a kgona go dira dilekere, dinotsididi e bile gape a dirisiwa le mo kapeing ya borotho.

Rre Olekantse o kaile fa balogi bangwe ba ditlatlana ba dirisa makwati a setlhare seo.

O tswelelela a re setlhare se, se na le moriti o o kitlanyeng o o siametseng dipaka tsa selemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 22 Dec 2016