Bagodi le bana ba amogela dimpho
22 Dec 2016
Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Sabata kwa Maun o ne o rulagantse moletlo go abela bagodi le bana kwa metseng ya Sexaxa, Shorobe le Matsaudi diaparo le didirisiwa tsa sekole jaaka dipene, dibuka, dipensele le tse dingwe.
Moletlo oo, o ne o tshwaretswe kwa kerekeng ya Sabata kwa Matsaudi ka Tshipi mme bagodi ba le masome a matlhano le bana ba feta masome a supa ba dule foo ba tletse ka monyenyo morago ga go ja dijo tsa motshegare le mokgatlho oo.
Fa a bua kwa moletlong oo, mongwe wa bomme ba mokgatlho, Mme Senkamile Molapisi o tlhalositse fa nako ya gompieno go tshelelwa mo lefatsheng la dikgwetlho e bile go sena le one mowa wa lorato.
A re ke sone se ba bonyeng go le botlhokwa gore e le bomme ba tsosolose mowa oo ka ba lemoga o nyamela ka bonya.
O tsweletse a re nako ya gompieno ke ya gore batho ba kopane ba amogane se ba nang le sone le bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O kopile Batswana go tsosolosa mowa wa bogologolo wa go thusa ba bangwe ba ba kobo dikhutshwane gore le bone ba nne le seriti. Mme Molapisi o ne a fa sekai gore mo malobeng Batswana ba ne ba kgona go beela ba bangwe ditemanyana kwa masimo gore ba kgone go imona.
O kgadile mowa wa lefufa a re ga o kake wa isa ope gope a tlatsa ka gore le Modimo ga o rate seo.
O ne a kopa batho go emisa mowa wa go itebelela ba le nosi a re ba tshwanetse go nna le mowa wa go aba ka jaana gotwe go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
Mme Molapisi a re go neela ka pelo e e bulegileng ke gone mo Modimo a go batlang.
Mme Christinah Ledimo yo le ene e leng leloko la Sabata o tlhalositse fa ba kgonne go bona dilwana tseo kwa United Kingdom a re o ne a etetse bana mme a bona batho basweu ba ntse ba phutha ba latlha mo gongwe ba isa kwa mekgatlhong ya baithaopi.
A re le ene fela jaaka mme wa tlhwatlhwa yo o fitlhelwang mo lekwalong la ga Ditiro 31 a bona go tshwananela gore a bue le batho bao a kope gore a tle a neele ba ba tlhokang mo kgaolong ya gagwe.
O kopile Batswana go ema Tautona wa lefatshe leno nokeng ka jaana a rotloetsa Batswana go thusa ba bangwe gore ba tshele botshelo jo bo nang le seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MATSAUDI
Event : Moletlo
Date : 22 Dec 2016






