Makhanselara a kgala tshwetso
22 Dec 2016
Makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba a supile fa a sa itumedisiwa ke tshwetsho ya lekgotla la kabo ditsha ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bomaipaafela.
Ba kopile modulasetilo wa khansele go tsibogela kgang eo ba re e tlogetse batho ba le bantsi mo logoeleleng.
Ba buile jalo fa ba akgela mo pegong ya ga modulasetilo.
Ba re e le khansele maitlamo magolo a bone ke go tlhabolola matshelo a banni e seng go ba okeletsa lehuma le kutlobotlhoko.
Ba re ba tlhaloganya gore ba kabo ditsha ba ne ba diragatsa taelo ya kgotla tshekelo mme ba supa lekgotla ka monwna ba re le nnile maoto a tshupa go abela baikopedi ditsha ke ka moo ba felelang ba ikabela.
Mokhanselara wa Senonnori/Boro, Rre Kenson Kgage, o supile fa baikopedi ba feta diketekete ba letile go abelwa ditsha mme a kopa ba kabo ditsha go fa khansele pego e e tletseng ya gore mo diketeng tseo ba abetse ba le kae ka ngwaga mang.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bokone Rre Nico Folae a re ba kabo ditsha ba ne ba ka bo ba batlisitse pele gore bomaipaafela ba bakiwa ke eng go na le go ba thubela.
A re bangwe ba ba amegileng ke batho ba ba kobo dikhutswane fa bangwe e le dikhutsana mme a botsa khansele gore bone bao ba ya go thusiwa jang.
O supile gape fa bangwe ba abetswe lefatshe mo go senang ditlamelo mme ba retelelwa ke go le tlhabolola ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo mme ba felele ba ipaya fela gaufi le fa ba ka akolang ditlamelo teng.
O ne a eletsa e kare batho ba ka abelwa lefatshe fa go nang le ditlamelo a re seo se ka rarabolola bothata jwa bomaipaafela.
Mokhanselara Rre Ngatumbwe Kanzombungo wa kgaolwana ya Nokaneng/Habu le ene o ne a supa fa se lekgotla le se dirileng se ngomola pelo a tlatsa ka gore e re le ntswa tebelopele ya setshaba e rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go kgathala ka ba bangwe ba kabo ditsha ba paletswe ke go diragatsa seo.
Wa kgaolwana ya Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Sokwe o supile fa kgang eo e tshwenya e bile e sa tshwenye ka gore batho ba le bone ba ne ba itlhokomolsa tsamaiso le dikgakololo.
A re e ka tshwenya fela fa e le gore ba kabo ditsha ga ba a nna le morero le bao ba ba amegileng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a supa fa botlhe ba amilwe ke tiragalo eo mme ba ka seke ba eme pele taelo ya kgotla tshekelo.
A re ba kabo ditsha ba setse molao le ditsamaiso tsa molao motheo morago a tlatsa ka gore go ipaya fela ke molato go ya ka molao le ntswa go na le mabaka a a tlamang go dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 22 Dec 2016






