Banana ba tsosolosa ngwao
21 Dec 2016
Banana ba Boteti Peer Theatre Group (BPTG) ba itlamile go tsosolosa ngwao ka bodiragatsi jwa metshameko ya mo seraleng.
Morulaganyi wa setlhopha seo, Mme Gofaone Molaletsi, a re ba lemogile gore go tletse ditlhopha tse dintsi tsa moopelo le diletso mo kgaolong ya Boteti, mme tse di diragatsang mo seraleng di le palo-potlana.
A re ka jalo ba ne ba bona go le maleba gore ba atolose bodiragatsi jwa motshameko wa drama mo kgaolong ya bone.
Mme Molaletsi o tsweletse ka gore bodiragatsi bo ka thusa banana go lwantsha lehuma gore ba seka ba ikaega ka puso.
O tsweletse a re ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba dire thuto-puisano e mo go yone ba tlaa ba rutuntshang mo go tsa bodiragatsi ja mo seraleng.
A re maikaelelo ke go ba rutuntsha ka bodiragatsi mme ba remeletse thata mo metshamekong e e rutang ka ngwao ka jaana moono mogolo e le go tsosolosa ngwao ya Boteti.
Mogolwane wa mananeo wa lephata la banana metshameko le ngwao Mme Itemogeng Solomon a re badiragatsi ba Boteti Peer Theatre Group ba bone thotloetso mo lephateng la bone.
O tsweletse ka gore banana bao ba rulaganyeditswe baitseanape le barutuntshi go tswa Gaborone.
Go ya ka Mme Solomon, banana ba BPTG ke baemedi go tswa mo metsaneng yotlhe e e mo kgaolong-potlana ya Boteti, a re ba solofela gore fa banana ba feditse ka thutuntsho ya bone, ba ye go ruta banana ka bone mo metseng e ba tswang ko go yone.
Rre Mandla Pule yo e leng mongwe wa baitseanape mo go tsa bodiragatsi ja mo seraleng, o tlhaloseditse banana ba BPTG gore ba ka kgona go atlega mo bodiragatsing, fa ba ka itse ka fa metshameko e rulaganngwang ka teng, se se akaretsa tshimologo ya motshameko, tswelelo ya one le gore o felela jang.
Go ya ka Rre Pule, badiragatsi ba tshwanetse ba tlhaloganya setlhogo sa motshameko gore ba tle ba ithulaganye sentle gore motshameko o nne le bokao.
Rre Pule o tladitse ka gore balebeledi ba metshameko ya BPTG, ba tshwanetse go nyalana le molaetsa o badiragatsi ba o romelang ka gore go dira jalo go ka thusa balebeledi gore ba ka baakanya diemo tse ba mo go tsone jaaka ba bonye batshameki ba dira, o tsweletse ka gore diemo tseo di ka akaretsa kgokgontsho, mogare wa HIV le tiriso ya madi e e lebaneng.
Banana ba Boteti Peer Theatre Group ba ne ba nna le sebaka sa go rutana ka merafe e e mo kgaolong-potlana ya Boteti, mengwe ya merafe eo e le ya Bakhurutshi, Basarwa le Baherero.
Go rutana ka merafe e ne e le nngwe ya ditsela tsa go itse gore ba ka tla ba dira metshameko ya bone jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tumelo Koboyatau
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 21 Dec 2016






