Breaking News

Mapodisi a kopa badirisi ba tsela go ipabalela ka malatsi a Keresemose

21 Dec 2016

Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye  o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha.

Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a gatelela gore ba ba tsayang loeto lo lo leele ba tsamaeye ba tla ba itapolosa mo tseleng.

Rre Sesinyi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ka nako eno e le ba sepodisi ba lekola dipalamo bogolo thata tsa setshaba go netefatsa gore di mo seemong se se siametseng go rwala setshaba ka malatsi a Keresemose.

Ka jalo o kopile bakgweetsi go dirisanya sentle le bone fa ba ba emisa ka maikaelelo a go lekola dikoloi tsa bone gore a di siametse go ka dirisiwa gape o gwetlhile bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa fa ba kgweetsa.

Mo go tse dingwe, Rre Sesinyi o gakolotse setshaba go netefatsa gore ga ba tlogele malapa a le nosi ka nako ya Keresemose go thibela gore dirukutlhi di sale di ba senyetsa.

A re go botlhokwa gore ba ba nnang ba le nosi ba hire dikompone tsa itshireletso(security company) gore di sale di ba tlhokomeletse ka nako ya fa ba seyo.

Rre Sesinyi gape o gakolotse gore dikomiti tsa  ntebelakegolebele le tsone di ka thusa ka e bile di rotloetsa bojammogo fa gare ga baagisanyi.

Gape o gakolotse basetsana go fokotsa go tsamaya bosigo ba le bosi a re selo seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le petelelo.

Rre Sesinyi gape o tlhagisitse batsadi go ela bana ba bone tlhoko ka malatsi ao go tlhomamisa gore ba babalesegile.

O bile a kopa bareki go tshwara madi ka kelotlhoko go itsa go oka dirukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 21 Dec 2016